Lefapha la Boitekanelo le kaile fa le sena R30m ya go aga kliniki kwa Cokonyane


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Cokonyane, gaufi le Taung, ba ikuela go Lefapha la Boitekanelo mo profenseng ya Bokone Bophirima go ka ba agela kliniki. Baagi ba letse ba boloditse mogwanto go leba lwa kliniking, mme seno se tla morago ga gore lefapha le tlhalose fa le tlile go oketsa lefelo la mokhukhu (parkhomes) le le dirisiwang jaaka kliniking kwa lefelong leo.

Go begwa ga mokhukhu (parkhome) eo e tla jela lefapha R6 million, ebile rakonteraka a setse a thapilwe. Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi, Charlie Sejamoholo, ba na le dingwaga di feta lesome ba ntse ba ikuela go lefapha gore le ba agela kliniki, fela kopo ya bone ga e utlwagale.

“Go tloga ka 2010 go fitlha 2022, ba re tlhaloseditse fa go sena madi a go ka aga kliniki. Jaanong ka 2024, ga ba sa boela mo go rona le go re itsise gore go tloga ga jaana ka ngwaga wa ditshelete wa 2024, ba tlile go dira jang. Ga jaana, ba tlile ka di parkhome go tla go di tlhoma mo kliniking ya rona.

“Se ke se itseng ke gore, ebile rakonteraka o setse a thapilwe. Jaanaong, rele baagi re batla pele ga di parkhome tseo di tla go tlhomiwa, re be re nnile le kopano le botsamaisi, mme ba re tlhalosetse gore a re tla agelwa kliniki kgotsa jang,” Sejamoholo wa tlhalosa.

Sejamoholo are, ba utlwile menyenyetse ya gore kliniki ya bone e tlile go agiwa mo dingwageng di le tlhano, lesome kgotsa lesome tlhano tse ditlang. Sejamoholo are jaanong mo bekeng e e tlang, ba tlile go nna le kopano le botsamaisi jwa kliniki go utlwa dintlha ka botlalo.

Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Boitekanelo mo Bokone Bophirima, Tebogo Lekgethwane are: “O tla gopola gore kliniki ya Cokonyane ene e agilwe ka asbesto go tloga kwa tshimologong. Jaanong, moago owa o ile wa tswalwa, mme ga tlisiwa tse re di bitsang di parkhomes.

“Jaanong, lefapha kwa sedikeng le ne le gopotse go oketsa di parkhome tseo, gonne ga di lekane balwetsi fa ba etetse setheo sa rona. Mme thendara ya go reka di parkhomes tseo, e rebotswe ka kgwedi ya Sedimonthole 2023.”

Lekgethwane are fela go ya ka go fokodiwa ga tekanyetso-kabo ya lefaph, ga gona maikaelelo a go aga kliniki kwa motseng o. Lekgethwane are go fitlha ga jaana, go aga kliniki kwa Cokonyane go tla jela lefapha madi a kanang ka R30 million, fa go aga di parkhomes tse dinang le mafaratlhatlha a sejanong, go tla jela lefapha fela R6 million.

Lekgethwane are mafaratlhatlha a tsenngwang mo di parkhomes ke a seemo se se kwa godimo, mme ga a tle go ama thebolo ya ditirelo mo lefapheng.

taungdailynews@gmail.com