
Ka OBAKENG MAJE
Porojeke ya dimilione di feta R80m e eneng ya puagangwa ke rakonteraka wa Phala Borwa le Amawakawaka, e tsweletse. Se se tla morago ga gore masepala wa Sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, o kgaogane le rakonteraka wa Phala Borwa le Amawakawaka, mme o ile wa thapa rakontereka o montsha wa Ultimate Dynamic.
Bontsi jwa baagi, ba ile ba tlhalosa fa tlhokego ya metsi jaanong ele selo-modiro kwa metseng ya bone. Baagi ba, ba tlhalositse fa ba patelesega go tsamaya dikilometara di feta 10 go ka bona metsi. Ene ya re mo dikgweding tse di fetileng, baagi ba kwa motseng wa Kolong, ba ile ba bolotsa mogwanto le go thibela ditsela ka dikala tsa ditlhare, ga mmogo le makgetlhe, ba ipelaetsa kgatlhanong le tlhokego ya metsi.
Kgabagare, go ya ka molekgotlha kwa masepaleng wa Sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, yo ebileng ele leloko la kabinete ya ga majoro, mme a ikarabela ka tsa mafaratlhatlha, Pico Seepamere are ba itumetse thata go ka itsise baagi ba kwa metseng e tshwana le Manthe, Kolong, Mothanthanyaneng, Sekhing le metse e mabapi gore e se kgale ba tla be ba nwa metsi, mme ba siele ba bangwe.
“Ke tla netefatsa gore ke nnete dirori tsa konteraka ya Ultimate Dynamic, di setse di gorogile kwa lefelong la porojeke. Ba simolotse go dira, mme re dumalane le bone gore pele ga Sedimonthole 2024, ba be ba setse ba neetse bagaetsho metsi. Bone ke dikomponi tse dikgolo, mme ra ba tshepang.
“O tla gopola gore re ile ra nna le matsapa mabapi le konteraka ya Phala Borwa le ya Mawakawaka, mo ebile re ile ra tshwanelwa ke go khutlhisa konteraka ya bone. Jaanong, re semeletse mme re ikuela go ba garona ba ba tlileng ba nna le di kontereka tse dinnye (sub-contractors), go ka iponatsa,” Seepamere wa tlhalosa.

Seepamere are ba rata go leboga tirisano-mmogo e ba e boneng go batsaya-karolo botlhe. Are mme ba na le tshepo ya gore leshekere la tlhokego ya metsi e tlile go nna selo sa maloba kwa metseng e farologaneng mono Taung.
“Re tla tlhalosa gape gore botlhe ba baneng ba sa duelwa madi a bone a neng a saletse kwa morago, ba setse ba duetswe. Ba baneng ba sa duelwa, ke bo rakonteraka ba bannye (sub-contractors), mme dithulaganyo di tsweletse gore ba lefiwe moputso wa bone.
“Tota wa itse gore tiro e tshaba diatla. Jaanong, re tlile go tswelela fela jalo ka tirisano mmogo. Re lebogela tirisano-mmogo ya magosi, ga mmogo le balekgotlha ba ba farologaneng, ba ba tshotseng karolo. Re tla tswelela fela jalo ka go netefatsa gore re lwa ntwa e ya tlhokego ya metsi, mme kwa bofelong baagi ba rona ba nwe metsi,” Seepamere wa tlhalosa.
