Baagi ba Vaaltyn ba boloditse mogwanto kgatlhanong le thebolo e bokowa ya ditirelo 


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba kwa motseng wa Vaaltyn, gaufi le Taung, ba tlhotse ba boloditse mogwanto kgatlhanong le thebolo e bokowa ya ditirelo mo letsatsing la gompieno. Baagi ba, ba tlhalositse fa puso ya ga jaana e sa ba direle sepe. 

Mongwe wa baagi, Edwin Motshidi are ha e sale masepala o mogolwane wa Taung o ba tshepisitse dipone tsa mo mebileng (high mast lights), fela ga go nko e tswang lemina. Motshidi are ba tshotse matsapa go ka buisana le molekgotlha, fela ga sekegele selelo sa bone tsebe, ke ka moo ba boloditseng mogwanto. 

“Gape, re ile ra tshepisiwa tsela ya paving, mme ga ke tshepe fa sengwe se ka diragala. Re lela le ka Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima. Re ile kwa dikantorong tsa bone, mme ga ra bona dikarabo. Re kwadile makwalo gore lefapha leo le tle go re itsise gore le re agela leng tsela ya R225, fela re sa ntse re beile letsogo mo phatlheng. 

“Tsela e ya rona ga e tsamaege, mme e tlhola dikotsi. Gape, ga rena kliniki, mme Lefapha la Boitekanelo mo Bokone Bophirima, le ne le ntse le tlisa mobile clinic, fela rena le dikgwedi di le tharo o sa tle. Seo, se feleletsa se pateletsa bagolo ba rona gore ba palame go ya kwa Reivilo go ya go tsaya dipilisi tsa bone,” Motshidi wa tlhalosa. 

Motshidi are gape ba lela ka seemo sa sekolo se se potlana sa Ikhutseng. Go ya ka Motshidi, sekolo seo ga se mo maemong a siameng, mme se ka wa nako engwe le engwe. 

“Rakontereka o ile atla, fela go fitlha ga jaana ga re itse gore madi a neng a tshwanetse a age sekolo seo a ile kae. E ne ya re fa re botsa, lefapha le ile la re bolelela ka palo e kwa tlase ya baithuti. Jaanong, seo se ile sa re makatsa thata gonne gona le dikolo dingwe tse di nang le baithuti ba ba kwa tlase ka palo, fela ga go buiwe ka tsone. 

“Ntlha-phisegelo enngwe ke tlhokego ya metsi. Re dirisa engine go pompa metsi, mme yone e dirisa diesel. Jaanong, engine e e rothisetsa diesel mo teng ga metsi, mme seo se a kgotlhele.

“Re kopa gore puso e golaganye motlakase, mme e tswe mo tirisong ya diesel. Fela setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, ba tlhalositse fa ba dirisa engine, gonne go ke go nne le kgaogo ya motlakase. Re ne re ikuela go puso gore e dirise engine fela fa motlakase o kgaogile,” Motshidi wa tlhalosa. 

Majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are: “Ditlhokego tsa baagi tse di kwa setlhoweng ke tlhokego ya tsela, mme ra iponela le rona gore ke nnete tsela ga eo. Ke buile le tlhogo ya Lefapha la Ditsela mo Bokone Bophirima, mme o re netefaleditse fa a tlile go romela mokaedi wa gagwe wa sedika go tla go tlhalosetsa baagi gore go tlile go diriwa eng mo nakong e khutshwane go netefatsa fa tsela ya bone e tsamaega.

“Se sengwe ke tlhokego ya kliniki, mme re dumalane gore ka Labone go tla tlisiwa mobile clinic. Gape, baagi ba rona ba kaile fa ba sa tlhole ba batla go tlamelwa ka metsi a pompiwang ka diesel, mme re fetolele seo kwa motlakaseng. Mo ntlheng eo, re tla leka go kopa Eskom gore e re golaganyetse motlakase.” 

Maje are ntlha enngwe e baagi ba e tlhaigitseng ke tlhokego ya di pone tsa mo mmileng (high mast lights), fela o tla kopana le majoro wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe go rarabolola bothata jo. 

Kgabagare, motlatsa-mokwaledi wa mokgatlho wa baagi wa SANCO mo sedikeng, Mothohela Dikhai are dilelo tsa baagi ke tse diutlwalang, mme ba itumeletse tsereganyo e e tlisitsweng ka Maje. 

taungdailynews@gmail.com