



Setshwantsho: Ba lelapa la ga Senyasamore ba tlogetswe ka dikgobalo
Ka OBAKENG MAJE
25 Ferikgong 2025- Ba lelapa la ga Senyasamore kwa kgaolong ya Lehatlheng kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, ba re pula ya matlakadibe e ba tlogetse ba iphotlhere, ga mmogo le dikgobalo tse di masisi. Go begwa fa gape pula e, ile ya tlogela motse otlhe o sena motlakase morago ga go diga dipale tsa Eskom tse di tsamaisang motlakase.
Go ya ka mongwe wa leloko la lelapa, Thabo Senyasamore, go ile ga na pula enngwe fela ya matlakadibe, mme ya phepheula dithulelo tsa ntlo ya bone. Enyasamore are, le ntlo ya baagisani e ile ya amega, morago ga gore dithulelo tsa ntlo ya bone di hokele kwa baagisanying.
“Ke nnete, dithulelo tsa ntlo di ile tsa mumuga, me le ditene le tsone di ile tsa wa. Bana ba le bararo ba ile ba tlogelwa ka dikgobalo tse di masisi, morago ga go welwa ke ditene tsa ntlo. Mo teng ga ntlo gone ga ke bue, re senyegetswe go utlwala.
“Dilwana tsa ntlo jaaka diraka, thebeleishene, setsidifatsi, di oudropo ga mmogo le ditafole di robegile. Dipula tse tsa matlakadibe di re senyeditse, mme ga gona ko re tla tshabelang teng. Ka re le mogwafatshe wa me le one o hokile,” Senyasamore wa tlhalosa.
Senyasamore are mogwafatshe wa gagwe ga se ga ntlha o hoka, mme molekgotlha wa kgorwana ya bone, o mo tshepisitse gore o tla mo tlhaga thuso. Are ba dula ba le bane mo ntlung ya diphaphosi di le pedi.
Kgabagare, molekgotlha yo eleng leloko la komiti ya ga majoro kwa masepaleng o moglolwane wa Taung, Itumeleng Maribe, mme ene a ikarabela ka tsa mafaratlhatlha are: “Re tlhaloganya ka botlalo bothata jo bo tlhagetseng ba lelapa la rra Senyasamore. Fela, molekgotlha wa rona wa kwa kgorwaneng eo, o ile a etela lelapa le go dira ditlhotlhomiso tsa gore ba senyegetswe go le go kae.
“Jaanong, re tla itsise ba ba maleba go ka ba tlhaga thuso. Re tlhaloganya gore dipula tse ga di a senya fela kwa Dryharts, mme komiti ya rona e diraga ka tsa matlhotlhapelo, e tsweletse go ka dira ditlhotlhomiso.”