
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa Cokonyane, gaufi le Taung, ba latofatsa molekgotlha wa bone, Daisy Ipeleng ka go thapa la losika. Baagi ba, ba re Ipeleng o thapile batho ntle le go bitsa kopano.
Seno se tla morago ga gore go nne le porogerama ya go aga matlo a tshoganyetso a le 16 kwa motseng o. Mongwe wa baagi, Obakeng Motlhale are, go thapilwe batho ka mokgwa o o sa siamang mo porogerameng e. Motlhale gape are, bontsi jwa batho ba ba agelwang matlo ga se ba ba a tlhokang.
“Re tlwaetse fa go thapiwa batho, go iwa kwa kgotlheng mme go dirisiwe mokgwa wa huduwa. Gape, re tlwaetse go thapiwa batho ba le babedi mo karolong nngwe le nngwe ya motse. Jaanong, gona le matlo a a nang le dingwaga di feta 20 a a seng mo seemong se se siameng, mme beng ba one ba tlodilwe.
“Beng ba matlo ao, ba lobaka ba ikwadiseditse matlo a di RDP. Fela ga go nko e tswa lemina, mme re makadiwa ke gore gona le batho ba ba ikwadiseditseng matlo ao malobanyana fa, mme ba agetswe,” Motlhale wa tlhalosa.
Kemedi ya baagi, Itumeleng Matlhoahela are ba utlwile selelo sa baagi, mme ke nnete ga gwa thapiwa ka mokgwa wa tlwaelo. Matlhoahela are gape baagi bangwe bana le boipelaetso jwa gore gona le matlo mangwe a sa tsenngwang mo porogerama e, e tswa beng ba one ba a tlhoka.
“Baagi ba kopa gore re agele batho botlhe ba ba tlhokang matlo, mme ke nnete gona le baagi ba ba tlhokang matlo a. Ka maswabi ga ba tsenngwa mo porogerama e. Gape, gona le selelo sa gore go thapiwa ka losika mo porogerama e, mme ke dingwe tsa dintlha tse re di rometseng kwa go molekgotlha gore a di rarabolole,” Matlhoahela wa tlhalosa.
Kgabagare, Ipeleng are: “Bonnete ke gore fa go thapelwa porogerama ya matlo a tshoganyetso, ga go bidiwe kopano. Mong wa konteraka one a itletse ka batho ba gagwe, mme ka botho jwame, keile ka mo kopa gore a thape batho mo gae.
“Jaanong, re ile ra thapa bangwe ba batho ba baneng ba emisitswe mo porogerameng e e neng e puagantswe ya kgaolo ya ditlhare. Ke ile ka isa maina a batho botlhe ba ba neng ka ikwadiseditse go agelwa matlo a tshoganyetso. Fela tshwetso ga ese ya rona, gore shupa gore ke mang a tshwanetswe ke go agelwa.”