Baagi ba latofatsa mosadi mongwe ka go gweba ka dirwe tsa batho kwa Majaneng


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba motse wa Majaneng, gaufi le Taung, ba re ba tlile go tlisa molao le tolamo kwa motseng wa bone. Seno se tla morago ga gore, ba belesetse mongwe wa balatofadiwa mo kgetsing ya polao.  

Go begwa fa Ntobizodwa Kwata ga mmogo le balatofadiwa ba le bararo, ba ile ba bolaya monna mongwe kwa motseng o, mme ba gweba ka dikarolo dingwe tsa mmele wa gagwe. Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi, Tebogo Vincent Kgwatela, Kwata o dirisa dirwe tsa batho jaaka meshunkwane.

“Re itemogela dipolano tse di dirwang ka bomo ke batho ba eleng gore ba gweba ka madi a batho. Go na le motho o teng mo motseng, mme fela fa motho a fetsa go tlhokafala, ene o tsaya madi ao, mme a boele Gauteng. 

“Fa a fetsa, o dira mpho ya badimo. Ke sengwe se re se boneng ka matlho, ebile ga re re gatwe. Mo polaong ya ntlha, motho o bolaetswe kwa ga gagwe, mme one a thapa batho gore ba mo bolaye,” Kgwatela wa tlhalosa. 

Kgwatela are, Kwata one a tsaya serwe sa moswi sa senna, mme ba mo lokolola thamo ga mmogo le dinao, ba be ba mo latlhela mo lekadibeng. Kgwatela are, jaanong mo bekeng e e fetileng, Mosimanegape Adam van Wyk, one a gagolwa pelo ka thiba, mme Kwata one a go tabola madi a gagwe. 

Rragwe Mosimanegape Adam van Wyk, eleng Boitshoko Tlhareseng are, o utlwisitswe botlhoko ke loso la morwae. Tlhareseng are, batho ba ba tseneletseng batho ba ba bolaya ke bana ba teng kwa Majaneng. 

“Jaanong, ba feleleditse le nna ba mpolaetse ngwana. O ile a bidiwa ke Motseothata Boikie Seoleseng (35), mme a mo kopa gore a ye go mo thusa go kgalemela bo monnawe. Fela fa ba fitlha kwa, Seoleseng o ile a betsa bo monnawe, mme fa ngwanake a mo kgalemela o mo tlhaba ka thiba. 

“Ngwanake o ile a sia, mme ka maswabi one a wela mo setlhatshaneng. Re ne ra mo rwala ka kereibaye, le go mo batlela sejanaga se se mo isang bookelong. Fela, re ne ra bona mogala go tswa kwa boookelong ka ura ya boraro mo mosong o re itsiseng gore ngwanake o tlhokafetse. 

“Jaanong, morafe wa ipelaetsa gonne batho ba ditiro tse di maswe tse, batla fela mo motseng wa rona ntle le tetla. Ba itse gore ba tshwanetse batle le mapodisi fa gona le sengwe se ba se batlang. Fela, Kwata le Seoleseng ga senke ba tsamaye ba ikobele molao o,” Tlhareseng wa tlhalosa. 

Kgabagare, go begwa fa kgetsi ya polao kgatlhanong le Kwata ga mmogo le balatofadiwa naye, e tsholotswe nakwana ke kgotlhatshekelo ya Taung, fa kgetsi ya polao kgatlhanong le Seoleseng, e buseditswe morago go fitlha 26 Mopitlwe 2024. 

Maiteko a Taung DailyNews go ikgolaganya le Ntombizodwa Kwata go mo neela tshono ya go ikarabela kgatlhanong le magatwe a, a retetse mme karabo ya gagwe e tla tsenngwa mo fa e setse e bonwe.

taungdailynews@gmail.com