Ngwana o tlhokafetse kwa Ranstad morago ga go ja mazimba


Ka OBAKENG MAJE

26 Ngwanatsele 2024- Kgang ya go tlhokafala ga bana ba ba jeleng mazimba a fetilweng ke letlha ya tswelela. Se se tla morago ga dipego tsa gore ngwana a le mongwe wa kwa motseng wa Ranstad, gaufi le Taung, o tlhokofetse ka Lamatlhatso morago ga dipego tsa gore o jele mazimba.

Go begwa fa Oarabile Nthibogelang (2), ga mmogo le ditsala tsa gagwe di le tharo, ba ne ba etela mongwe wa bagwebi ba kwa mebileng, le go reka mazimba.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Sarasanta Tryphosa van Rooyen are, tiragalo e ke ya di 23 Ngwanatsele 2024. Van Rooyen are bana ba, ba ile ba reka le go ja mazimba ao, mme ba ne ba tshimolola go menekega.

“Batsadi ba bana ba ba ile ba itsiswe, mme ba ne ba ba tabogisetsa kwa bookelong jwa selegae. Ka maswabi, Nthibogelang one a tlhokafala moragonyana, fa bana ba bangwe ba le bararo ba le mo tlase ga tlhokomelo ya dingaka.

“Kgetsi ya morago ga loso ile ya bulwa, mme dipatlisiso di tsweletse. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, modulasetilo wa mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo Greater Taung, Joseph Tanyane are: “Re le maloko a mokgatlho wa baagi wa SANCO, re sentse re le mo letsholong la go etela mabenkele a farologaneng, ga mmogo le dikgwebo. Maitlhomo a letsholo le, ke go lebelela gore a dijo tse ba di rekisang ga di a fetwa ke nako.

“Re rata gape go leboga masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ga mmogo le masepala o mogolwane wa Taung, gonne ba ne ba rulagantse letsholo le le ntseng jalo dibeke tse di fetileng.”

Tanyane are le bone jaaka SANCO, ene ele karolo ya letsholo leo. Tanyane are, jaaka mokgatlho wa baagi, ba sentse ba ikuela go batsadi go sefe bana madi.

“Seo se tla thusa gore bana ba se etele dikgwebo tse di farologaneng le go reka mazimba. Selo seo, se feleletsa se dira gore ba latlhagelwe ke botshelo. Re tlile go rulaganya letsholo le lengwe gape.

“Re tlile go mema mafapha a farologaneng go nna karolo ya letsholo. Re kopa baagi ban ne pudi matsepa, gonne  setshaba sa ga rantsho sa nyelela. Re batla gore fa re etela mabenkele a farologaneng, re be re latela molao morago,” Tanyane wa tlhaosa.  

taungdailynews@gmail.com