Mosadi mongwe o bolailwe ke baagi kwa Modutung morago ga go mo latofatsa ka boloi


Ka OBAKENG MAJE

21 Diphalane 2024- Baagi ba ba shakgetseng ba kwa motseng wa Modutung, gaufi le Taung, ba letse ba fisitse le go bolaya mme mongwe, Omphile Mothusiemang-Legodu (40), morago ga gore ba mo latofatsang ka boloi le go nna le seabe mo go bolaweng ga ga Rethabile Molapo (11).

Molapo o ile a timele ka di 13 Diphalane 2024, fa a ne a romilwe go ya go tsaya seaparo sa kereke kwa gagabo. Go begwa fa a ile a thopiwa ke batho bangwe ba ba sa itsiweng.

Setopo se se neng se senyegile sa ga Molapo, se ne sa fitlhelwa se fisitswe kwa ntlwaneng-boithusetso kwa ntlung nngwe e go sa duleng batho kwa go yone. Seo, se ile sa shakgatsa baagi, mme ene ya re morago ga phitlho ya ga Molapo mo letsatsing la maabane, ba ile ba ya go fisa Mothusiemang-Legodu le go mo bolaya.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone, are go begwa fa baagi ba fisitse ntlo ya ga Mothusiemang-Legodu. Gape Mokgwabone are, baagi ba ile ba tsaya dilwana kwa lebenkeleng lengwe la motswa-kwa.

“Molapo o ile a timela ka di 13 Diphalane 2024. Fela, sepodisi se ile sa itsiswe morago ga matsatsi a le mararo. Ba lelapa ga ba ka ba itsise sepodisi, gonne ba ne ba setse ba ikopantsha le dingaka tse di farologaneng.

“Sepodisi se ile sa bidiwa, mme go fitlha ga jaana seemo se retibetse. Sepodisi se butse kgetsi ya polao, ya go fisa le bogodu, fela ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Dipatlisiso di tsweletse, mme sepodisi se ikuela go baagi go se itseele molao mo matsogong,” Mokgwabone wa tlahosa.

taungdailynews@gmail.com