
Ka OBAKENG MAJE
14 Mopitlwe 2025- Sekolo se segolwane sa Maatla kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, se rotloetsa batsadi go direla baithuti dijo tse ba tla dijang kwa sekolong. Se, se tla morago ga dipego tsa gore madi a rekang dijo tse di fepang baithuti kwa sekolong (National School Nutrition Programme) a fedile.
Jaanong, bangwe ba batsadi ba baithuti ba ba sa batleng go itsiwe, ba latofatsa mogokgo ka go dirisa madi botlhatshwa. Batsadi ba, ba re mogokgo wa sekolo o tsaya dijo kwa lebenkeleng la batswakwa le le kwa dimmarakeng tsa Pudimoe (complex) ka sekoloto, mme a duele morago.
“Go na le magatwe a gore mogokgo o dirisana le batswakwa ba lebenkele leo. Jaanong, ke belaela a dirisitse madi botlhatshwa. Jaanong, baithuti ba ba tswang kwa malapeng a humanegileng ba tlile go dira jang?
“Ga gona se se botlhoko jaaka go ya sekolong o sa ja. Gape ere o fitlha kwa sekolong, o fitlhele dijo di seo. Baithuti ba le bantsi ba ikaegile ka sekema seo sa go ba neela dijo kwa sekolong. Re kopa lefapha le leke ka bojotlhe gore ba rarabolola mathata a,” motsadi wa tlhalosa.
Kgabagare, Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima, le kaile fa ele nnete gore go nnile le tiego mo go neelaneng ka thuso ya matlole go fepa baithuti.
Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are: “Lefapha le tlhalositse fa madi a sekolo sa Maatla a setse a fedile, mme sekolo se sentse se emetse matlole. Jaaka lefapha, re akgola mogokgo wa sekolo ka mokgwa o a samaganeng le mathata a ka gone.
“Seo se bontshitse botlhale gore mogokgo a itsise batsadi ba baithuti go na le gore a didimale fela. Ke nnete go nnile le tiego ya go duelwa ga matlole kwa dikolong mabapi le go fepiwa ga baithuti.”
Molokwane are tiego eo, e tlhodilwe ke mathata a setegenike, mme seo se diragala thata fa go atimela bokhutlho jwa ngwaga wa ditshelete. Molokwane are dikolo tse dingwe di kgona go tswelela ka go neela baithuti dijo, fa tse dingwe di sa kgone.
“Mo mathateng otlhe a lebaganeng dikolo, batsadi ba tshwanetse gore ba itsisiwe,” Molokwane wa tlhalosa.
Setshwantsho: