Lefelo le le rekisang nnotagi la Kamo Amo kwa Ranstad le tshwerwe poo


Ka OBAKENG MAJE

17 Ngwanatsele 2026 – Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go kgothosa lefelo la kgwebo. Se, se tla morago ga gore banna ba le barataro ba go begwang fa ba ne ba tshotse dithunya, ba ile ba itatlhela ka lefelo le le rekisang nnotagi la Kamo Amo kwa motseng wa Ranstad, gaufi le Taung ka letsatsi la Tshipi.

Go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dikolo di le mmalwa pele ga ba ka itatlhela ka lefelo le, le go tshwara poo. Go begwa fa go ne go tshamekiwa kgaisano ya snooker kwa lefelong leo ka lone letsatsi leo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mongongoregi mo kgetsing e, yo o neng a le mo teng ga lefelo le la go rekisa nnotagi ka nako eo, o ile a utlwa modumo wa sethunya kwa ntle, mme a ya go tlhodimela.

“Go begwa fa a ile a bona batho ba ba neng ba tlile go itisa kwa lefelong leo ba tshaba. Go begwa fa banna ba le bararo ba ba neng ba rwele dithiba-sefatlhego (balaclavas), ba ile ba itatlhela ka lefelo leo.

Go begwa fa ba ile ba tshwara mongongoregi poo, mme ba tsaya madi a seatleng.

“Morago ga moo, go begwa fa ba ile ba tshaba. Kgetsi ya go tshwara lefelo la kgwebo poo e butswe. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana,” ga rialo Van Rooyen.

taungdailynews@gmail.com