Mosadi wa kwa Rooiwal o tshwerwe poo ke mapodisi a eseng a nnete


Ka OBAKENG MAJE

1 Diphalane 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go thopa ka dikgoka le go tshwarwa poo ka sethunya. Se, se tla morago ga gore mosadi wa dingwaga di le 49, a kgorogelwe ke banna ba le babedi ba ba sa itsiweng ka Mosupulogo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are motswasetlhabelo, Puseletso Sylvia Tapa (49) wa kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung, one a tsamaya mo mmileng fa a ne a kgorogelwa ke sejanaga se se neng se na le banna ba le babedi mo teng. Van Rooyen are banna ba, ba ile ba mo laela fa e le batlhankela ba sepodisi, mme ba shupa fa ba batlisisa kgetsi nngwe ya go tshwara poo.

“Banna ba, ba ile ba laela Tapa fa ele mmelaelwa mo kgetsing eo, mme ba mo pateletsa go tsena mo sejanageng. Go begwa fa ba ile ba leba le ene kwa tikwatikweng ya marekelo ya Taung, kwa ba ileng ba fitlha ba mo shupa ka sethunya le go mo tseela karata ya banka.

“Go begwa fa ba ile ba ya go goga madi a sa itsiweng kwa bankeng ya motswa-setlhabelo, pele ga ba ka go mo latlhela kwa nageng kwa Extension 6. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com