Baagi ba motse wa Molelema ba ikuela go masepala go ba baakanyetsa ntlo-lehalahala ya bone e ileng ya fisiwa


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Molelema, gaufi le Taung, ba ikuela go masepala o mogolwane wa Taung (Greater Taung Local Municipality) gore o ba baakanyetse ntlo-lehalahala ya bone. Go ya ka baagi ba, ba tlhoka ntlo-lehalahala go tshwarela dikopano tse di farologaneng mo go yone.

Mongwe wa baagi, Mosimanegape Monoketsi (31) are ga jaana, ba tsenela dikopano fa tlase ga moago o bulegileng, gaufi le ntlo-lehalahala e. Fela, Monoketsi are seemo ka nako tse dingwe ga se letle gore ba ka dirisa moago o bulegileng, thata jang fa pula ena kgotsa mo setlheng sa mariga.

“Ntlo-lehalahala e, fa e sala ene ya fisiwa ke baagi fa ba ne ba gwantela tsela. Fela go fitlha ga jaana, ga ese e baakangwe, mme re e tlhoka thata. Jaanong, re ikuela go masepala go ka re thusa, gonne go dilo tse dintsi thata tse re di tlhokang mo motseng wa rona tse di amanang le thebolo ya ditirelo.

“Gape, kgang enngwe ke tlhokego ya metsi. Re lobaka re lela ka tlhokego ya metsi mo motseng was rona. Re bona dikomponi di fetolwa, jaaka rene re itse gore re ne re neelwa metsi ke Sedibeng Water kala-ntlhaneng, jaanong go tsene Magalies Water, fela seemo ga se fetoge. Jaanong, ga re itse gore bothata ke eng, mme go fitlha ga jaana re reka metsi ko metseng e gaufi,” Monoketsi wa tlhalosa.

Moeteledipele wa baagi kwa motseng wa Molelema, Kgosietsile Tshake are: “Ke nnete re ile ra senyegelwa ke ntlo-lehalahala ya rona fa gone go gwantelwa tsela. Ga jaana, re tlhaloganya gore gona le ledi le masepala wa rona o mogolwane wa Taung o le boneng go tswa go komponi ya insurance.

“Jaanong, ga re itse gore masepala o tlile go e baakanya leng. Dilwana dingwe jaaka disenke, diframe tsa matlhabaphefo, ga mmogo le ditswalo di ile tsa ntshiwa. Kgosi o ile a ntsha molaetsa wa gore disenke tse di neng di ruletse ntlo-lehalahala e, di dirisetswe go aga mokhukhu o dirisiwang jaaka kantoro ya mokgatlho o lwantshang bogodu mo motseng,” Tshake wa tlhalosa.

Molekgotlha wa kgorwana ya motse wa Molelema, Pico Seepamere, are ke nnete insurance e ile ya ntsha madi a kanang ka R1.6 million ele go duelela ditshenyegelo. Seepamere are ntlo-lehalahala eo, e tlile go tlhoka madi a fetang R6 million go agiwa sesha.

“Re ile ra dumalana le baagi gore ga re kitla re tsenya lenaneo la kago ya ntlo-lehalahala mo telanyetso-kabo ya setlha se (financial year). Re dumalane gore, re beye ko pele kago ya tsela ya pavement mo gare ga motse, mme re be re bua ka kgang ya metsi.

“Re tla tlhaloganya gore insurance ile ya duela madi a kanang ka R1.6 million ya ditshenyegelo, mme e ile ya e tsenya mo polokelong ya masepala,” Seepamere wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com