
Setshwantsho: Banna ba baneng ba latofadiwa ka go fisa matlo a le mararo le go thuba kwa thaveneng
By OBAKENG MAJE
3 Diphalane 2024- Banna ba le supa ba kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, ba re ba itumetse thata morago ga gore kgotlha-tshekelo ya Taung e se ba bone molato mo kgetsing ya go fisa le go thuba.
Naledi ya maloba ya kgwele ya dinao, Odiseng “Teenage” Komane (43), mokatisi o diphatsa wa kgwele ya dinao, Obakeng “Prosto” Mogabale (48), Mothusi Motimeng, Pretty “Zero” Masibelele (38), Ali Sakiele (52), Ontiretse Patrick Gosenyegang (40) ga mmogo le motshwara-dino wa maloba o a itsegeng wa setlhopa sa Mega Stars FC, Katlego “Makgasa” Tikane (34), ba ile batshwarwa le go latofadiwa ka go fisa matlo a le mararo a rra Katong le go thuba kwa lefelong la bone le le rekisang nnotagi, kwa Disoufeng.
Banna ba, gape ba lotofadiwa ka go ja ka molelo sejanaga sa ga mmeteledi, Bakang Katong, yo gape a latofadiwang ka polao. Go begwa fa ka di 2 Motsheganong 2022, baagi ba motse wa Manthe, ba ne ba tswa letsholo le go fisa matlo a le mabedi aga Bakang Katong, ga mmogo le sejanaga sa gagwe, mme ba fisa gape le ntlo ya morwa-rragwe, Phenyo Katong.
Se se tla morago ga gore ba ba latofatse ka go bolaya Thabiso “W” Mothibedi (35). Go begwa fa ba rra Katong, ba ne ba latofatsa Mothibedi ka go ba utswetswa madi a kanang ka R20 000 le motsoko wa boleng jwa R600.

Magistrata Buti Zulu are le fa a dumela dipego go tswa go dipaki tsa puso ga mmogo le tsa balatofadiwa, bosekise bo paletswe ke go neelana ka bopaki jo bo kwenneng kgatlhanong le balatofadiwa. Zulu are dipaki dingwe tsa puso, di tlhalositse fa ba ne ba le kwa thabeng fa ba bona balatofadiwa ba fisa.
“Fela, sekgala se ba supang fa ba ne ba eme kwa go sone, se kgakajana mme ke ipotsa gore ba bone jang gore batho ba ba fisitseg ke balatofadiwa, gonne batho ba ne ba le bantsi ebile go begwa fa go ne go opelwa dipina tsa mogwanto.
“Paki enngwe, Samuel Gaeadingwe o tlhalositse fa a bone bangwe ba balatofadiwa fa ba ne ba thuba kwa thaveneng ya gagwe, fela are bangwe ba batho ba baneng ba utswa, ga ba tshwarwa,” Zulu wa tlhalosa.
Gape Zulu are, Phenyo Katong, o tlhalosisitse fa a ne a romelelwa melaetsa ke mongwe wa batho ba ba boneng ka matlho, mme ene o bidiwa Zabs. Zulu are, fela bosekise kgotsa sepodisi se paletswe ke go tlisa Zabs mo pele ga lekgotlha go tla go neelana ka bopaki.
“Se sengwe se se makatsang ke gore molato o, o diragetsa ka di 2 Motsheganong 2022, fela balatofadiwa ba tshwerwe dikgwedi morago ga moo. Se ke se boleletsweng ke gore, dipaki di ne di tshaba go neelana ka bopaki ka nako eo, gonne ba ne ba boifa.
“Jaanong, pheleletso ba feleleditse ba neelane ka bopaki. Potso ke gore ke eng se se ntshitseng letshogo mo go bone. Gape, gona le dipaki tse dingwe tsa puso tsa rra Seetelo,” Zulu wa tlhalosa.
Zulu are banna ba, ba dula kwa ga Katong mme ba unngwelwa. Zulu are jaanong ga go makatse go bona ele dipaki tsa bangongoregi.
“Jaanong, ga ke bone banna ba molato, gonne bosekisi bo paletswe ke go neelana ka bopaki jo bo tiileng kgatlhanong le bone,” Zulu wa tlhalosa.
Kgabagare, mongwe wa banna ba baneng ba latofadiwa, Ontiretse Patrick Gosenyegang are: “Tota bagaetsho, re lobaka re goga mo kgetsing e, mme pheleletsong re ile ra feleletsa re fentse. Molato o, ga ona bopaki kgatlhanong le rona, mme ke rata thata go leboga baagi ba motse wa Manthe go re ema nokeng.
“Ba ile ba re thusa thata ka go ntsha madi go re thusa go ka duela mmueledi. Jaanong, re rata go ba leboga mme re re lekamoso-lekamoso. Re ka rata thata gape go leboga bosiamisi gore bo be bo sa tsaya letlhakuri.”
O mongwe wa banna ba baneng ba latofadiwa, Katlego Tikane, are katlholo mo kgetsing e, e bontsha fa bosiamisi bo diragaditswe.
“Re itumetse thata mme ke kgale re tlhalosa gore ga re itse sepe ka ditatofatso tse. Ke leboga baagi ba Manthe, mme ke rata go akgola bosiamisi gore bo be bo sa tsaya letlhakuri.
“Re leboga thata kemo-nokeng go tswa go batho botlhe, mme re setse re lebagane le kgetsi ya banna ba ba latofadiwang ka go bolaya nkgonne, Thabiso Mothibedi, mme re batla go bona bosiamisi bo diragadiwa,” Tikane wa tlhalosa.