Bana ba le babedi ba tlhokofetse morago ga go shela mo mkhukhung


Setshwantsho: Dilwana tse di sheleng mo molelong

Ka OBAKENG MAJE

11 Ngwanatsele 2026 – Bana ba le babedi ba tlhokofetse morago ga go shela mo mokhkhung kwa Stella, gaufi le Vryburg. Go begwa fa mosetsanyana wa dingwaga di le 5 ga mmogo le monnawe wa dingwedi dile 5, ba shetse mo mokhukhung morago ga gore o jewe ke molelo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa mmagwe bana ba, a ne a ile kwa ntlwana-boithusetso fa se se ne se direga. Van Rooyen are go begwa fa mmagwe bana ba, a ne a go bidiwa ke ngwana wa gagwe o mogolo o dirang Grade 6, le go mo laela fa mokhukhu wa bone o jewa ke molelo.

“Go begwa fa motsadi o ga mmogo le ngwana wa gagwe o mogolo, ba ne ba leka go pholosa ba babedi ba ba neng ba le mo mokhukhung. Fela go ile ga retela ka ntlheng ya go fekeediwa ke kgabo ya molelo. Bana ba, ba ile ba sha lorelore, mme go ile ga bidiwa badiri ba phaloso.

“Ba ile ba netefadiwa fa ba setse ba ile boya batho morago ga go gaelelwa mo kgabong ya molelo. Kgetsi ya morago ga loso e butswe, mme sepodisi ga se belaele fa go ka tswa go na le letsogo la tshwene mo go seno,” ga rialo van Rooyen.

Kgabagare, go begwa fa ba lelapa ba latlhegetswe ke sengwe le sengwe, mme ba kopa thuso nngwe le nngwe.

taungdailynews@gmail.com