Monna o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong morago ga go betelela mokapelo wa gagwe wa maloba makgetlho a le mabedi


Ka STAFF REPORTER

30 Diphalane 2026 – Monna (28) o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya Molopo morago ga go betelela lekgarebe (22) la gagwe la pele matlhetlho a le mabedi. Go begwa fa ka di 26 Diphalane 2024, Olebogeng Nyaqela le motswasetlhabelo ba ne ba kopana kwa lefelong la bojalwa kwa motseng wa bone. 

Sebueledi sa bosetshaba sa bosekisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Lindiwe Mabasa are ka nako eo, ba ne ba setse ba fedisitse kamano ya bone ya dingwaga di le supa. Mabasa are moragonyana, ba ne ba palama sejanaga sa tsala ya ga Nyaqela, e e neng ya ba folosa gaufi le magae a bone ka gonne ba ne ba nna mo mafelong a a bapileng.

“Go na le gore Nyaqela a letle motswasetlhabelo go ya kwa gabo, o ne a mo goga a mo isa kwa ntlong ya gagwe kwa a neng a mo betelela teng. Motswasetlhabelo o ne a kgona go tshaba, mme a ya go kopa thuso kwa kliniking e e gaufi a sa apara diaparo.

“Ka nako ya tsheko, mmueledi wa puso, Kefentse Diseko, o ne a tlhalosa gore Nyaqela o ne a dirisa botlhatswa tshepo e e neng e le teng ka ntlha ya kamano ya bone ya pele. Motswasetlhabelo o ne a mo tshepile, ebile a lebeletse gore o tla fitlha kwa gabo a babalesegile,” Mabasa wa tlhalosa.

Mabasa are Nyaqela o ne a ganetsa ditatofatso tseo, a re tlhakanelodikobo e diragetse ka tumalano. Mabasa are le fa go ntse jalo, lekgotlha le ne la gana tlhaloso ya gagwe, gonne le fitlhetse bosupi jwa motswasetlhabelo bo dumalana ebile bo ikanyega. 

“Lekgotla le ne la swetsa ka gore motswasetlhabelo o supile molato wa gagwe ntle le pelaelo epe e e utlwalang. Mo nakong yotlhe ya tsheko, motswasetlhabelo o ne a newa tshegetso ya maikutlo le ya loago ke Thuthuzela Care Centre (TCC). 

“Modiredi wa Thuso ya Batlhaselwa, Nkhensani Baloyi, o ne a mo thusa go netefatsa gore o ipaakanyeditse sentle mo maikutlong le gore o bona tshegetso ka nako ya fa kgetsi e ntse e sekwa. Morago ga go bonwa molato wa petelelo makgetlho a le mabedi, Nyaqela o ne a atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong,” ga rialo Mabasa. 

Mabasa are gape lekgotla le ne la itsise fa Nyaqela a sa tshwanela go nna le sethunya ka fa molaong, mme la laela gore leina la gagwe le tsenngwe mo Rejisetareng ya Bosetšhaba ya Badiraphoso ba Melato ya Tlhakanelodikobo. Mabasa are bothati jwa bosetšhaba jwa botšhotšhisi (NPA), bo amogetse katlholo eno, bo gatelela botlhokwa jwa go tsaya dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le tirisodikgoka ya bong le go netefatsa gore badiraphoso ba ikarabela ka ditiro tsa bone.

“Katlholo eno e bontsha gore tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi e tsaya ka masisi dikgetsi tsa tirisodikgoka ya bong le dipolao tsa basadi (GBVF), segolobogolo tirisodikgoka ya tlhakanelodikobo e e dirwang mo dikamanong tsa baratani.

“NPA e tswelela go itlama go sekisa ka matlhagatlhaga melato ya tlhakanelodikobo le ya GBVF, go netefatsa gore badiraphoso ba ikarabela fa batswasetlhabelo bone ba bona tshegetso e e maleba mo tsamaisong yotlhe ya bosiamisi jwa bosenyi,” ga rialo Mabasa.

taungdailynews@gmail.com