Mmeteledi wa mogosho o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong


Ka BAKANG MOKOTO

3 Diphalane 2026 – Monna o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong makgetlho a le mabedi ke kgotlhatshekelo kgolo ya Eastern Cape mabapi le polao. Thabile “Bhino” Nyakiso wa dingwaga di le 32, o atlhotsweng go golegwa botshelo jotlhe makgetlo a le robedi, go tlalelediwa ka dingwaga di le 46 tsa kgolegelo ke Kgotlhatshekelo Kgolo e neng e dutse kwa Mthatha.

Nyakiso o bonwe molato wa motseletsele wa dipetelelo le go thuba mo matlung tse di diragetseng kwa Tsolo magareng ga 2016 le 2017. Nyakiso o atlhotswe go dikotlhao tsa botshelo jotlhe di le robedi ka ntlha ya melato ya peto.

Gape o atlhotswe dingwaga di le 15 kwa kgolegelong mo molatong mongwe le mongwe wa boraro wa bogodu jo bo nang le maemo a a masisi, mmogo le dikgwedi di le 12 tsa kgolegelo ka ntlha ya bogodu jo bo tlwaelegileng. Moatlhodi yo o neng a dira tiro ya nakwana, Fikile Ntayiya, o ne a akantsha gore Nyakiso a se ka a sekasekiwa gore a fiwe tetlelelo ya go gololwa pele ga nako go fitlha a sena go direla dingwaga di le 30 tsa dikotlhao tsa gagwe.

Bosupi jo bo neng jwa tlhagisiwa fa pele ga kgotlatshekelo, bo supile gore Nyakiso, mmogo le motho yo mongwe yo a sa itsiweng, ba ne ba thopha basadi ba ba neng ba tsamaya go tswa kwa sekolong kgotsa kwa tirong ba lebile kwa ditoropong tsa New Homes le Crossbow. Batswasetlhabelo ba ne ba tshosediwa ka thipa ka nako ya ditlhaselo.

Motswasetlhabelo wa ntlha, mosetsana wa dingwaga di le 16, o ne a tlhaselwa ka la 19 Seetebosigo 2016. Ka la 22 Phukwi 2016, Nyakiso o ne a tlhasela mosadi wa dingwaga di le 22 gaufi le diofisi tsa Tsolo Circuit.

Ka la 18 Ngwanatsele 2016, o ne a betsa gape motswasetlhabelo yo mongwe wa dingwaga di le 16 makgetlo a le mmalwa gaufi le toropo ya New Homes. Fa a ne a neela bosupi, motswasetlhabelo o ne a bolelela kgotlatshekelo gore o ne a botsa Nyakiso gore o ne a tla ikutlwa jang fa mongwe a ne a ka dira selo se se tshwanang mo go kgaitsadie.

Le fa a ne a mo kopa jalo, Nyakiso o ne a tswelela ka tlhaselo.

Ka la 27 Motsheganong 2017, mosadi wa dingwaga di le 26 o ne a betelelwa mo phaposing ya gagwe e a neng a e hirile kwa Kobi Flats kwa Tsolo. Ka la 1 Phatwe 2017, Nyakiso o ne a betelela basadi ba le babedi ba dingwaga di le 29 le 39 ka ditiragalo tse di farologaneng.

Morago ga moo, o ne a tlhasela mosadi wa dingwaga di le 18 gaufi le Crossbow Township ka la 12 Phatwe 2017, mosadi wa dingwaga di le 24 mo kgaolong eo ka la 21 Lwetse 2017, le motswasetlhabelo yo mongwe wa dingwaga di le 27 yo o neng a betelelwa kwa ntlong ya gagwe kwa New Homes Township ka la 6 Ngwanatsele 2017.

Ka nako ya ditlhaselo dingwe, Nyakiso o ne a utswa madi, dikarata tsa dibanka le megala ya letheka tsa batswasetlhabelo. Batswasetlhabelo ba ne ba sa mo itse.

Diteko tsa DNA tsa forensic di ne tsa golaganya Nyakiso le diswabana tse di neng tsa tsewa mo batswasetlhabelong. O ne a tshwerwe morago ga go amanngwa le molato o mongwe wa peto kwa Butterworth, e e leng sekgala sa dikilometara tse di fetang 150 go tswa kwa Tsolo.

Ka nako ya tsheko, Nyakiso o ne a ipona molato mme a botsolotsa bonnete jwa bosupi jwa DNA.

Mosekisi wa National Prosecuting Authority (NPA), Avumile Bikitsha, o ne a bitsa paki go tswa kwa National Forensic Laboratory e le karolo ya dipaki di le 45 tsa naga. Kgotlatshekelo e ne ya dumalana le dikakantsho tsa NPA malebana le katlholo, mme ya tlhokomedisa ka bogolo jwa bosenyi jo Nyakiso a neng a bo dirile.

Moatlhodi o ne a re Nyakiso, yo o nang le molato o mongwe wa petelelo o o sa ntseng o letile go sekwa fa pele ga kgotlatshekelo e le nngwe, o ne a sa bontshe boikwatlhao ka ditlolo tsa gagwe.

Sebueledi sa NPA kwa Eastern Cape, Luxolo Tyali, o rile katlholo eno e supa boikemisetso jwa batshwaraditlhokego go netefatsa gore badirabosenyi ba ditiragalo tsa tirisodikgoka ba a ikarabela.

“Katlholo eno e gatelela gape boemo jo bo nitameng jwa batshwaraditlhokego kgatlhanong le bosenyi jo bo nang le tirisodikgoka, mme e bontsha boikemisetso jwa rona jwa go netefatsa gore badirabosenyi ba ditlolo tse di masisi ba a ikarabela.

“Re batla go akgola mosekisi le motlhankedi wa patlisiso ka go kokoanya le go tlhagisa bosupi ka kelotlhoko, e leng se se thusitseng go bona dikatlholo tsa molato le dikotlhao tse di masisi,” Tyali wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com