‘Mosetsanyana o go begwang a sa itekanela sentle o beteletswe’


Ka OBAKENG MAJE

21 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya petelelo. Se, se tla morago ga gore go begwe fa lekgarebe (15) le le sa itekanelang sentle le betelelwe kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, ka letsatsi la borre, 15 Seetebosigo 2025.

Go begwa fa lekgarebe le, ele moithuti kwa sekolong sa Sebotloane Special School mono Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Mokaptein Mpho Manyoba, mongwe wa lelapa la kwa gabo lekgarebe le, utlwile segajaja kwa ntlung e sa felang ya RDP, mme a tswa letsholo go ya go lebelela gore go diragalang. Manyoba are, mongwe o wa lelapa, o ile a makala thata fa a fitlhela motswasetlhabelo a apara diaparo tsa gagwe, mme a na le monna mongwe o a itsiweng kwa motseng.

“Kgetsi ya petelelo e butswe, fela sepodisi se sentse se emetse pego tsa dingaka (medical report). Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” Manyoba wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com