
Setshwantsho: Baithuti ba gorogile go tswa sekolong sa setso
Ka OBAKENG MAJE
26 Ngwanatsele 2025- Lefapha la Pusoselegae le Merero ya Setso le neelane ka ditlankana (permits) tsa go tlhatlhela mophato go botlhe ba ba neng ba dirile dikopo, mme le ikuela gore bana ba ye ba tshela, ebile ba boe ba heletse.
Go ya ka Kgosi Thato Letlhogile yo e leng Kgosi ya Barolong bo Tlou le Tau kwa motseng wa Ganyesa, kwa ntlenyana ga Vryburg, ba neelane ka ditlankana tse di rebolelang bo rra-mophato le bo mma-mophato tetla ya go ka tsenya mophato. Letlhogile are thebolo eo ya ditlankana tse, e diragetse ka motsi wa fa Lefapha La Pusoselegale le Merero ya Setso e e neng e thankgolola semmuso go tlhatlhelwa ga mophato.
“Ditlankana di le 446 di ntshitswe ke Lefapha la Pusoselegae le Merero ya Setso ga mmogo le Komiti e e tseng tlhoko tsamaiso ya mophato mo porofenseng. Se, ene ele go thusa badira-kopo bao botlhe go ka tshimolola ka dithulaganyo tsa bone tsa go tsenya dikolo tsa setso. Pulo le kamogelo ya baithuti ba ba batlang go tsenela dithuto tsa setso e tshimolotse beke e e fetileng, mme kamogelo ya baithuti e ka tswalelwa fa Sedimonthole a tlhola matsatsi a le 12.
“Dikolo tsa setso di solofetswe go khutlha fa kgwedi ya Ferikgong e tlhola matsatsi a 9 mo ngwageng o o tlang. Re ikuela go botlhe ba ba amogetseng tetla ya go tsenya dikolo tsa setso gore ba netefatse tshireletsego ya baithuti e nne e kwa godimo le go tlotla setso. Re kopa baithuti ba neelwe tlhokomelo e e tseneletseng bagaetsho.
“Re batla gore ngwaga o tlang re be re amogela banna-tiya mo setshabeng sa rona ba ba tswang go ithuta ka tsa setso sa rona jaaka Batswana,” Letlhogile wa tlhalosa.
Go ya ka Ohaletse Matthews Serame, yo eleng mokwaledi wa komiti ya selegae ya tsamaiso ya dikolo tsa setso, baithuti ba feta 2000 ba solofetswe go tsaya karolo kwa sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati District mono ngwaga. Serame are le fa seo se sa tlwaelega, komiti e kopa tirisano mmogo go batsaya-karolo botlhe go netefatsa fa dikolo tseo di dira ka fa tlase ga molao.








