
Ka OBAKENG MAJE
7 Ngwanatsele 2025- Baagi ba motsesetoropo wa Pudimoe, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa tlhokego ya metsi e tsweletse go nna tlhoba-boroko kwa karolong eo. Baagi ba tlhalositse fa e setse e le sebaka jaanong ba sa bone metsi.
Mongwe wa baithuti kwa setheong sa Vuselela TVET College yo o sa batlang leina la gagwe le itsiwe are: “Re itemogela matsapa kwa re dulang teng ka ntlheng ya tlhokego ya metsi. Ga re kgone go dirisa dintlwana-boithusetso, gonne ga gona metsi. Diaparo tsa rona tsone di tletse mo ntlung, gonne re kgonang fela go reka metsi a re tla a nwang.
“Tlhokego ya metsi e baka malwetsi. Gape, e ama boitekanelo jwa rona jaaka baagi. Jaanong, re ne re ikuela go masepala go ka leka botokwa ka thebolo ya metsi gonne ra swa ra nyelela. Tlhokego ya metsi e re tshedisa boima, mme ga re kgone le go tlhapa go ya sekolong.”
Molekgotlha o a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere are tlhokego ya metsi kwa motse-setoropong wa Pudimoe, e bakilwe ke go utswiwa ga dithapo tsa motlakase. Seepamere are go ile ga utswiwa transformer kwa motsesetoropong o, jaanaong ba ne ba setse ba itsisitse baagi mabapi le kgang e.
“Re na le beke le matsatsi a ka nna mararo transformer e utswilwe. Gape, magodu ao, a ile a kgaola dithapo tsa motlakase. Fela, se ga se lebaka-itshetlhego, gonne re a patelesega jaaka masepala go neela baagi metsi ntle maipato. Re ne re ikaeletse go dirisa di engine tsa rona go pompa metsi gore baagi ba a bone.
“Ntle le seo, go na le porojeke ya kago ya katoloso ya madutelo e e tsweletseng kwa motsesetoropong o. Jaanong, seo se tla se re kgoreletsa. Go bua nnete, re ne re ntse re na le mathata mabapi le thebolo ya metsi, gonne tiriso ya motlakase e ne e feta seelo. Maikaelelo ene ele gore porejeke e ya kago ya madutelo e neelwe baagi mo kgweding ya kamoso, fela ka ntlheng ya dikgaogo tseo tsa motlakase re tlile go amega,” Seepamere wa tlhalosa.
Seepamere are matsapa a thebolo ya metsi ga se fela kwa motsesetoropong wa Pudimoe. Seepamere are ba ile ba itemogela go utswiwa ga dithapo tsa motlakase kwa motseng wa Molelema, Manthe le kwa Lekgabeng.
“Jaanong, selo se sa go utswiwa ga dithapo tsa motlakase kwa madutelong a rona, ke selo se se tlhokang gore re se tseele matsapa rotlhe fela jaaka baagi ga mmogo le banna-le-seabe (stakeholders). Fa go utswiwa dithapo tsa motlakase, seo se shupa gore go tlile go nna le kgoreletsego ya thebolo ya metsi, gonne madutelo a le mantsi a ikaegile ka tiriso ya motlakase go pompa metsi.
“O tla gopola gore ka di 22 Phatwe 2025, ke fa re rebola di engine tse di pompang metsi kwa motseng wa Molelema. Fela morago ga dibeke di le pedi, ke fa di utswiwa. Jaanong, re setse re akantshana jaaka masepala gore a gongwe re ka se tsenye tiriso ya letsatsi (solar system) go pompa metsi,” Seepamere wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa Magalies Water, Trinity Bogosi are bone jaaka setlamo se se thapilweng ke masepala wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati go rebola metsi go baagi, ga ba kitla ba tshwaela mo ntlheng eno, gonne ba nnile le tumalano le masepala go ka ntsha ntlha-kemo ya bone mo ntlheng e.
