Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le Masito e boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

6 Ngwanatsele 2025- Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Lokaleng, gaufi le Taung, e solofetswe go boela kgotlhatshekelo mo letsatsing la gompieno. Go begwa fa molatofadiwa, Oratile Masito (22) a beteletse lekgarebe lengwe teng kwa Lokaleng.

Go ya ka kgotlhatshekelo, Masito o beteletse lekgarebe le makgetlho a le mararo mo bosigong jwa tiragalo. Go begwa fa Masito a ile a kgorogelwa ke baagi kwa legaeng la gagwe fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola letsatsi, mme ba mo latofatsa ka petelelo.

Fela Masito ene are o bopelwa kgomo ya mmopa. Lekgotlha le timile Masito beile, mme le tlhalositse fa mabaka a a nelaneng ka one ese a ikgethileng. Gape, Masito o latofadiwa ka go tshosetsa dipaki mo kgetsing e. 

Lekgotlha le tlhalositse fa le rometse dipoelo tsa DNA kwa Forensic Laboratory fa kgwedi ya Lwetse e ne e tlhola matsatsi a le 29. Jaanong lekgotlha le tlhalositse fa le setse le emetse dipoelo tseo.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.