
Ka OBAKENG MAJE
23 Diphalane 2025- Modiri wa maloba wa setlamo sa Omolemo Funerals, o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa tsietso. Se se tla morago ga gore monna o wa kwa motseng wa Manokwane, gaufi le Taung, a latofadiwe ka go tsietsa setlamo ka go fetola dinomoro tsa polokelo, mme a tsenya tsa gagwe.
Go begwa fa se, se ile sa ama setlamo ga mmogo le baduedi ba di policy tsa ipaakanyetso ya loso (funeral covers). Go begwa fa bontsi jwa batho ba ne ba nagana gore ba duela di policy tsa bone go setlamo sa Omolemo Funerals kgwedi le kgwedi, fela madi a bone a ne a tsena mo polokelong ya mmelaelwa o, go na le gore a tsene kwa polokelong ya setlamo sa Omolemo Funerals ka tlhamalalo.
Kgabagare, mong wa setlamo sa Omolemo Funerals, Hlomelang Manare, one a bula kgetsi ya tsietso kgatlhanong le mmelaelwa mabapi le se. Manare are tiragalo e, e ile ya ama kgwebo ya gagwe ka mokgwa o sa siamang, gonne bontsi jwa batho bone bo sa tlhole bona le tshepo mo kgwebong ya gagwe.