
Ka OBAKENG MAJE
9 Diphalane 2025- Kgetsi ya petelelo kgatlhanong le motsamaisi wa lebenkele la Boxer Liquor Store, Tebogo Romeo Mahusi (32), e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Mahusi o tlhotse a tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Taung mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.
Sebueedi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ka Lamatlhatsho motshegare kwa lenekeleng la Boxer Liquor Store. Mokgwabone are diplatisiso mo kgetsing e, di tsweletse.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro. Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka nkane.
Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borogwe. Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.
Kgabagare, kgotlhatshekelo ya Taung, e buseditse kgetsi e go fitlha ka di 16 Diphalane 2025, go netefatsa bodulo jwa ga Mahusi le theetso ya beile.

