
Ka REGINALD KANYANE
5 Diphalane 2025- Sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, se tlhalositse fa se itse ka setshwantsho sa motsikinyego mo go bonagalang monna wa dingwaga di le 25, a kgemetha mmagwe (48) ka garawe go fitlhelela a tlhokafala. Sepodisi se kaile fa tiragalo e, e diragetse kwa Mosiane View, gaufi le Mahikeng ka Lamatlhatso.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel Sam Tselanyane are, monna o, o bonwe a tshotse garawe mo setshwantshong sa motsikinyege le go kgemetha mmagwe go fitlhela a tlhokafala. Go begwa fa mmelaelwe a ne a le kgopo, ebile a anngwa fela ke tse a di apereng.
“O ile a tlhokafala morago ga go thuntshiwa ke mongwe wa baagi o a neng a leka go reba seemo. Go fitlha ga jaana, ga go itsiwe sebakwa sa gore a kgemethe mmagwe ka garawe e ne e le eng.
“Dipatlisiso mo kgetsing e, di tsweletse,” Tselanyane wa tlhalosa.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama o sa tshwerwe mono profenseng ya Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng are: “Polao e e setlhogo ya motsadi o a bolailweng ke ngwana wa gagwe, e shupa fa e na le tshushumetso ya ga diabole, kgotsa tiriso e botlhatshwa ya diritibatsi. Bontsi jwa basha ba dirisa diritibatsi, mme go le gantsi ga ba kgalemelwe ke batsadi ba bone kgotsa setshaba ka kakaretso.
“Ga gona gore go ne go sena matshwao ape a bontshang maitsholo a botlhatshwa go mmelaelwa pele ga tiragalo e. Ke buisiwa se ka mokgwa o a bolaileng mmagwe ka teng.”
Asaneng are le fa mmelaelwa le ene a tlhokafetse, sepodisi se tlile go tsweletsa dipatlisiso go fitlhelela thito-kgang ya gore go tlile jang gore mmelaelwa a be a dirile tiro e setlhogo e.