Kgetsi ya go shupa ka sethunya e boela kgotlhatshekelo


Ka REGINALD KANYANE

4 Lwetse 2025- Kgetsi ya go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa motswakwa, Raji Mohamed Ibro (43) yo e leng moagi wa naga ya kwa Ethiopia, ebile a na le lebenkele kwa motseng wa Longaneng, gaufi le Taung, e solofetswe go boela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Ibro one a tshwarwa le go latofadiwa ka go shupa ka sethunya le go thuntsha. Go begwa fa Ibro a ile a tshosetsa moagi wa kwa Longaneng, Sello Stephen Kokamo (43) ka sethunya le go thuntsa mo moyeng.

Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga banna ba babedi ba. Ibro o tla nama a letile kwa ntlolefitshwana go fitlhelela a boela kwa kgotlhatshekelo go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com

Kaalpens o soloftswe go dira kopo ya beile


Ka OBAKENG MAJE

4 Lwetse 2025- Kgetsi tse pedi tsa go shupa ka sethunya kgatlhanong le monna wa kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung, eleng Thato Gaobuse, mme a itsege thata ka leina la Kaalpens, e solofetswe go boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Kaalpens o ile a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go shupa ka sethunya. Go begwa fa monna o, e le kgale a batliwa ke sepodisi.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o ganne go neelana ka ditlha tse di feletseng gore ditatofatso kgatlhanong le Kaalpens ke tsefe le gore di diragetse kae. Van Rooyen are tshedimosetso eo, e tla ama dipatlisiso tsa sepodisi.

Kgabagare, Kaalpens one a busediwa kwa ntlolefitshwana, mme o solofetse go dira kopo ya beile.

taungdailynews@gmail.com