Letsema la ANC le thusa bagodi kwa Itireleng


Ka OBAKENG MAJE

26 Phatwe 2025- Ba lelapa la ga Motlogelwa kwa motseng wa Itireleng, gaufi le Taung, ba lebogile maloko otlhe a lekoko la ANC ba ba ileng ba tsaya karolo mo go ba rekeleng dilwana tsa mo ntlung le go ba phephafaletsa. Se se tla morago ga gore maloko a ANC ga mmogo le baagi, ba tsweletse letsema le go thusa lelapa le.

Mosadimogolo Maria ga mmogo le monna wa gagwe, Benny Motlogelwa ba ba dingwaga tse di kwa godimo ga 70, mme ba sa itsholela, ba dula mo mokhukhung wa phaphosi e le nngwe. Maloko a lekoko la ANC ga mmogo le baagi, ba ile ba ipopa ngatana e le nngwe, mme ba reka setofo, diaparo, bolao le disamente tsa go tshela mokhukhung wa bone mo fatshe.     

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Witness Jakwe are ba lebogela kemo-nokeng e ba e boneng go tswa go maloko a ANC le baagi. Jakwe are ba lelapa le, kgale ba tshelela mo tshotlegong, mme o solofela fa dithuso tse ba di boneng di tla tlisa pharologanyo le go tokafatsa matshelo a bone.

“Re tlhotse re semeletse ka letsema morago ga gore re bone seemo se se sa itekanelang kwa lelapeng la ga Motlogelwa. Re ile ra bua le mmusa-kgotlha kwa kgorwaneng ya rona ka seemo seo, mme o ile a fetisetsa kgang eo kwa pele.

“Re ne re na le mokhuduthamaga wa Lefapha la Katlatlelo-Loago mono Bokone Bophirima, Sussana Dantjie. Go botsha fa lefapha leo le ile la tsiboga ka bonako. Jaanong, re leboga gape le baagi ba ba ileng ba tsaya karolo mo letsemeng le,” Jakwe wa tlhalosa.

Jakwe are ba ile ba phephafatsa le go tlhatswetsa bagodi ba. Jakwe are ba lebogela matsapa a baagi le maloko a lekoko la ANC a ba a tshotseng go dira pharologano.

“Se, se bontsha gore ra ba kgathalela. Bagolo ba neetswe dilwana jaaka setofo sa go apaya, diaparo, bolao le television. Re leboga matsapa otlhe, mme re rotloetsa baagi go tshwaragana le go tsweletsa letsema le kwa mafelong a mangwe.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.