Monna o latofadiwang ka polao o boela kgotlhatshekelo


Ka OBAKENG MAJE

30 Phukwi 2025- Monna o latofadiwang ka polao, Motseothata Nelson Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, o boela kgotlhatshekelo. Seoleseng o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31) ka thiba go fitlhelela a tlhokafala. 

Tiragalo e, e diragetse dikgwedi di le mmalwa kwa motseng wa Majaneng. Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing le le latelang.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.