Monna o latofadiwang ka go tekete le go shupa ka sethunya o dira kopo ya beile


Ka OBAKENG MAJE

22 Phukwi 2025- Monna wa kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, o solofetswe go dira kopo ya beile kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Se, se tla morago ga gore a latofadiwe ka go teketa le go shupa ka sethunya.

Go ya ka dipego, monna wa kwa Picong, Batsile Eric Sebico (43) one a tlhaselwa le go teketwa ke molatofadiwa, Korononea Jerimia Modise (34) ka kgwedi ya Seetebosigo mono ngwaga. Go begwa fa Sebico a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa Modise, a ile a thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le babelaelwa eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya.

“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore babelaelwa ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.