
Ka OBAKENG MAJE
9 Seetebosigo 2025- Monna wa kwa motseng wa Picong, gaufi le Taung, go begwa fa a teketilwe ke banna ba ba itsiweng mo letsatsing la Lamatlhatso. Go begwa fa monna o, a ile a kgorogelwa ke banna ba ba neng ba tsamaya ka sejanaga sa Toyota GD6 ga mmogo le Volkswagen Polo e khibidu ka mmala kwa legaeng la gagwe.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are go begwa fa balatofadiwa ba ile ba tsena kwa legae la mongongoregi le go mo teketa. Mokgwabone are go begwa fa banna ba, ba ile ba thuntsa dokolo di le pedi mo setswalong sa mongongoregi pele ga ba ka tsamaya.
“Sepodisi se butse dikgetsi di le tharo kgatlhanong le babelaelwa eleng kgetsi ya go teketa, tshenyo ya dithoto ga mmogo le go shupa ka sethunya. Go fitlha ga jaana, ga gona ope o tshwerweng, mme dipatlisiso di tsweletse.
“Jaaka sepodisi, ga re na bopaki jwa gore babelaelwa ba tshabiwa ke sepodisi, ebile ba amega mo dikgetsing tse dingwe. Jaanong, re ikuela go mongwe le mongwe o a nang le bopaki mabapi le seo go tsenya ngongora gore sepodisi se batlisise ntlha eo,” Mokgwabone wa tlhalosa.