Banna ba baneng ba apere uniform ya sepodisi ba kgothoditse setheo sa Lokgabeng Disability Centre  


Ka OBAKENG MAJE

24 Mopitlwe 2025- Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya go kgothosa o tlhometse. Se se tla morago ga gore banna ba ba sa itsiweng ba feta robedi ba go begwang fa ba ne ba apere uniform ya sepodisi, ebile ba tlhometse go utlwala, ba kgorogele batlhankedi ba tshireletso kwa lefelong le go dulang bagodi le batho ba ba tselang ka bogole kwa Lokgabeng Disability Centre kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, mo letsatsing la maabane mo gare ga bosigo.

Go begwa fa banna ba, ba ile ba tshosetsa badiri ba setheo, pele ga ba ka tsaya di laptop, USBs ga mmogo le megala ya letheka.

Mong wa setheo, Agnes Mokgobo, o kaile fa go sena ope o a ileng a tswa dikgobalo mo tiragalong e. Mokgobo are o makaditswe ke tiragalo e, gonne kwa setheong sa gagabo go dula bagodi, ga mmogo le batho ba ba tshelang ka bogole.

“Re maketse ebile re ipotsa gore go baneng batho bao ba ne ba dira dilo tse. Mo setheo sa rona ga gona madi, mme re tshela fela ka dithuso. Re itumelela gore ga gona ope wa bagodi kgotsa wa batho ba rona ba re ba tlhokomelang ba ba tswileng dikgobalo, gonne batho bao, ba tsene fela kwa ofising ya rona.

“Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso ka tiragalo e setlhogo e, go ka letsetsa sepodisi,” Mokgobo wa tlhalosa.  

Sebueledi sa Lefapha la Katlatlelo-Loago mono Bokone Bophirima, Petrus Siko are ba kgala tiragalo e ba sa kgale mathe ganong. Siko are ba setse ba buile le motsamaisi wa diporojeke (Project Manager), mme ba tlile go romela batlhankedi ba katlatlelo-loago (social workers) go ya go thoba badiri ga mmogo le badudi kwa setheong maikutlo.

“Go maswe go bona se se diragala matsatsinyana fela Afrika Borwa e fetsa go keteka letsatsi la ditshwanelo tsa botho. Re ikuela go sepodisi go ka tshwarwa badiri ba tiro e maswe e ka bonako,” Siko wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, mokaptein Mpho Manyoba, are o sentse a kokwanya ditlha, mme o ka boela go Taung DailyNews ka ditlha tse di feletseng.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.