
Ka OBAKENG MAJE
20 Mopitlwe 2025- Kgetsi ya polao kgatlhanong le Mietjie Babiki Fischer (44), wa kwa motseng wa Diplankeng kwa Magogong, gaufi le Taung, e boela kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Fischer o latofadiwang ka go ka go bolaya Boitumelo Sebekedi wa kwa motseng wa Lokaleng dibeke tse pedi tse di fetileng, o solofetswe go dira kopo ya beile.
Go begwa fa Sebekedi a ne a latofadiwa ka go utswa Jojo tank, mme a tlhaselwa ke baagi. Go ya ka dipego, Sebekedi o ile a teketiwa ka ketane le go tlhabiwa ka thipa pele ga a ka bidiwa ka garawe.
Go begwa fa baagi ba ile ba mo tsenya mo kgetsing, mme ba mo latlhela kwa forong. Ene ya re morago ga nakonyana, go begwa fa baagi ba ile ba ntsha Sebekedi kwa forong eo.
Go begwa fa baagi ba ile ba mo isa kwa godimo le kwa tlase makgetlhonyana, pele ga ba mo tshela ka motlhapo le makgome. Go begwa fa sepodisi se ile sa tshwara basadi ba le bararo, fela ba le babedi ba ile ba ntshiwa gonne go se bopaki jo bo tletseng kgatlhanong le bone.
Sepodisi se ile sa tshwara Fischer, mme ba mo latofatsa ka polao.
Kgabagare, sepodisi se ganne go tshwaela mo tiragalong e, gonne ba tlhalositse fa seo se tla kgoreletsa dipatlisiso tsa bone mo kgetsing.