
Ka OBAKENG MAJE
14 Mopitlwe 2025- Monna (35) wa kwa motseng wa Modutung kwa Magogong, gaufi le Taung, o tla nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga gore kgotlhatshekelo ya Taung, e busetse morago kgetsi ya polao kgatlhanong le ene go fitlha ka 17 Mopitlwe 2025. Molatofadiwa, Thabiso Nkwane o ile a tshwarwa mabapi le polao ya ga mmagwe, Masego Irene Nkwane (56).
Go begwa fa go ile ga tsoga thefosano ya mafoko magareng ga moswi le mmelaelwa. Go ya ka dipego, mmelaelwa one a tsaya garawe le go kgenetha mmagwe ka yone.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, kegtsi e butswe, mme mmelaelwa o lebagane ke kgetsi ya polao.
Go begwa fa mmelaelwa a ne a lebotsa phokoje morago ga tiragalo. Sepodisi se ile sa mo tshwara ka Laboraro.
Kgabagare, baagi ba ikuela go puso go ka tlhoma seteishene sa sepodisi kwa motseng wa Magogong, gonne o fetogile kgapamadi.