Seothaeng o tlhalositswe jaaka motho oneng a le bonolo  


Ka OBAKENG MAJE

11 Mopitlwe 2025- Modulasetilo wa setlhopha sa Indomitable Lions FC sa kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, Archibald Aotlotlwe Seothaeng (50), o fitlhilwe kwa dirapeng tsa baswi kwa motseng wa Dryharts, mono Taung ka Lamatlhatso. Seothaeng o neetswe phitlho ya manobonobo, o kailwe jaaka motho o neng a le boikobo, bonolo, ebile a rata thuto. 

Batla phitlhong ba ne ba tlile ka bontsi jo bo thibang letsatsi go tla go felegetse Seothaeng. 

Mokatisi wa setlhopa sa Indomitable Lions FC, Olebogeng Kalabatane are ba simolotse go dira le Seothaeng ka 2021, fa ba ne ba aga setlhopa sa seo. Kalabatane are Seothaeng, one a le botlhale, mme ba fitlheletse dilo di le dintsi thata motlase ga tsamaiso ya gagwe. 

“Bontsi jwa nako, re kopane le mathata mme Seothaeng one a dumela mo go baleng. One a itse melao ya kgwele ya dinao. One o tla bona seo fa go na le dikgogakgogano. Gape, Seothaeng one a dumela mo go tsweleleng pele. 

“Seothaeng o thusitse setlhopa ka keteledi-pele ya gagwe e manontlhotlho. Se se utlwisang botlhoko ke gore, ga nke re itse nako ya loso ke leng. Gona le dilo di le dintsi tse oneng a batlile go di direla setlhopa mo ngwageng o,” Kalabatane wa tlhalosa. 

Mokhuduthamaga kwa LGSETA, Inneeleng Molete, o tlhalositse Seothaeng jaaka motho oneng a rata tiro ya gagwe. Molete are LGSETA tiro ya bona ke go rotloetsa basha le go bula ditshono tsa ditiro le dithuto. 

“Kgang ya rona ke go bula ditshono, mme re dira gore go nne le kgolagano magareng ga dimasepala tsotlhe go ralala naga. Re thusa bana ba dikobo dikhutsane gore ba bone madi a go tsweletsa dithuto tsa bone kwa di unibesiti tse di farologaneng.

“Karolo eo, e tshamikilwe ke Seothaeng mo porofenseng ya Bokone Bophirima. Boeteledipele jwa gagwe ene ele jo bo namatshang,” Molete wa tlhalosa. 

Modiri-mmogo wa maloba wa ga Seothaeng kwa Lefapheng La Badiri, Paul Motshweneng are Seothaeng o dirile jaaka Employment Officer kwa lefapheng la bone, mme one a le bonolo. Motshweneng are Seothaeng o iponetse dikgele di le mmalwa jaaka modiri o gaisitseng wa ngwaga. 

Kgabagare, morwadia Seothaeng, Kganya, o tlhalositse rragwe jaaka motho oneng a dula a ba rotloetsa thata gore ba tseye dithuto tsa bone tsia. Kganya are bat la dula ba mogopola ka dinako tsotlhe.

taungdailynews@gmail.com

 

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.