Monna wa kwa Masimo o tseetswe madi a seatleng


Ka REGINALD KANYANE 

23 Tlhakole 2025- Monna wa dingwaga di le 59, wa kwa kgaolong ya Masimo mono Taung, o tseetswe madi a seatleng, ga mmogo le karata ya banka. Go begwa fa banna ba le bane ba ba neng ba rwele dithiba-matlho le molomo, ba ile ba itatlhela kwa ntlung ya gagwe ka Labotlhano bosigo, mme ba mo dira motshwara-kananyo.  

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are, banna ba ba sa itsiweng ba, ba ile ba kgorogela monna o, mme bam o fitlhetse a shebile thebeleishene. Mokgwabone are, banna ba le babedi ba ile ba mo dira motshwarwa-kananyo, fa ba bangwe bai le ba puruputsha ntlo ya gagwe. 

“Ba ile ba mo tseela madi a seatle, ga mmogo le karata ya gagwe ya banka. Ba ile gape bam o batla nomoro ya sephiri ya banka pele ba inaya naga. Ga go ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. 

“Dipatlisiso mo kgetsi e, di tsweletse. Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le kitso ka tiragalo e, go ka ba letsetsa,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com

Ngwana o nwetse mo khuting kwa Rooiwal 


Ka OBAKENG MAJE 

23 February 2025- Ngwana wa dingwaga di le pedi o tlhokafetse kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung, morago ga go wela le go nwela mo khuting e tletseng metsi. Go begwa fa Lethabo Comfort Moroko, a ile a wela mo khuting e tletseng metsi kwa morago ga ntlo fa a ne a tshameka.  

Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are tiragalo e, ke ya Labotlhabo thapama. 

“Sepodisi se butse kgetsi ya morago ga loso. Go begwa fa ngwana o, a ile wela mo khuting. Go ile ga bidiwa ba ditirelo tsa potlako (Emergency Medical Response Services). Fela ba ne ba fitlhela ngwana o, a setse a ntshitswe mo khuting ke bangwe ba baagi, ebile a iketse badimong. 

“Jaaka ba sepodisi, ga re belaele fa go ka tswa go na le letsogo la tshwene mo losong la ngwana o,” Mokgwabone wa tlhalosa. 

taungdailynews@gmail.com