
Ka OBAKENG MAJE
11 Ferikgong 2025- Setopo sa lekgarebe la dingwaga di le 16, se bonwe kwa lebitleng le le seng boteng kwa motseng wa Matlhako 2, gaufi le Taung, mo letsatsing la gompieno. Sepodisi se bega fa lekgarebe le, le ka tswa le bolailwe ka Labone bosigo.
Se se tla morago ga gore moagisani mongwe a begele sepodisi fa a utlwile segajaja sa lekgarebe mo bosigong jwa Labone. Go begwa fa moagisani o, a tlhalositse fa a ne a bona monna mongwe ga mmogo le ditsala tsa gagwe di kgorometsa kereibaye e go bontshang fa ene e pegile sengwe mo teng mo mosong wa Labotlhano.
Sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Sepodisi se ile sa tswa letsholo, mme seo se ile sa lebisa kwa go epololweng ga setopo sa lekgarebe mo letsatsing la gompieno.
“Go begwa fa setopo seo, sene se thatilwe ka kobo, mme moswi one a supiwa ke ba lelapa la gagwe jaaka Boingotlo Makaota. Dipatlisiso di shupa fa setopo sa ga Makaota, se ne se na le dintho mo tlhogong, mo diropeng ga mmogo le mo maotong.”
Mokgwabone are dipatlisiso di ile tsa bolodiwa kwa lelapeng la monna o bonweng a kgorometsa kereibaye, mme diaparo tsa moswi di ile tsa fitlhelwa teng. Mokgwabone are, dipatlisiso tsa go tshwara mmelaelwa di tsweletse, mme monna mongwe o bonweng a tsamaya le mmelaelwa fa a ne a kgorometsa kereibaye o a botsolotswa ke sepodisi.
Kgabagare, Mokomishinara wa Sepodisi wa nama o sa tshwere mo Bokone Bophirima, Major General Patrick Asaneng, o kgadile ka bogale tiragalo e. Asaneng are polao eo ya go tlhorontshiwa ga bong e kabo e efogilwe fa baagi ba ne ba le Malala-a-laotswe.


