
Ka OBAKENG MAJE
8 Ferikgong 2025- Tlhokego ya metsi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati e tsweletse go nna tlhoba boroko. Jaanong baagi ba kwa Tamasikwa, gaufi le Taung, ba patelesega goga metsi kwa molapong le go nwa le diphologolo.
Baagi ba tlhalosa fa ba amilwe ke tlhokego ya metsi lobaka le letelele, mme masepala wa Sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati kwa Vryburg, o itshetse moriti o tsididi.
Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi kwa Tamasikwa, Gaolatlhwe Raito, leroborobo la tlhokego ya metsi fa e sale le ba tlhasetse dingwaga-ngwaga. Raito are jaanong fa e sale ba itemogela tlhokego ya metsi go tloga ka Lamatlhatso.
“Re ikuela go masepala wa sedika go ka re tsenyetsa egine e pompiwang ka motlakase, gonne tlhokego ya oli le diesel, ke tsone bothata. Gape, madutelo a rona a onetse, mme re ne re ikuela go masepala go ka re tsenyetsa metshini e mentsha.
“Ga se ga ntlha re itemogela tlhokego ya metsi, gonne nako enngwe go nna le tlhokego ya oli kgotsa ya diesel. Fela re itumeletse go bona metsi mo letsatsing la gompieno,” Raito wa tlhalosa.
Kgabagare, yo e leng leloko la komiti ya ga meyara, mme a ikarabela mo go tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng, Pico Seepamere are: “Jaaka ke bua le wena jana, ke mo motseng wa Tamasikwa, mme ke tlile ka sengwe le sengwe se se tlhokegang. Akere nako enngwe fa go nna le bodipa, jaaka morongwa-pusong, o tshwanetse gore o tseye matsapa gore bagaetsho ba se nne le mathata.
“Re nnile le kopano mo letsatsing la gompieno go seka-seka thebolo ya metsi mo kgweding ya Sedimonthole 2024. Fela, re ile ra tlhalosa gore re amogetse mogala go tswa go baagi ba kwa Tamasikwa, mme ba lela ka tlhokego ya metsi.”
Seepamere are go bua nnete fela, fa e sale baagi ba sena metsi go tloga ka Lamatlhatso. Are ba ile ba neela ditaelo go mokaedi, ga mmogo le motsamaisi go ka leka go thusa le go reba bothata jwa tlhokego ya metsi kwa Tamasikwa.
“Re ile ra kopa gore ba re thuse ka jojo tank ya dilitara di le 10 000, ga mmogo le oli. Se re ka se tlhalosang ke gore diesel yone e gone. Jaanong, engine ya kwa Tamasikwa ke ya kgale, ga mmogo le lehuti la teng.
“O tla gopola gore modutelo o, ke wa ngwaga wa 1995. Jaanong, re tshwanetse gore re ba epele lehuti le lengwe. Ka bokhutshwane, se se wela mo kgatong ya rona ya karolo ya boraro ya go ka leka go tokafatsa mafaratlhatlha a kwa Tamasikwa,” Seepamere wa tlhalosa.
Seepamere are motse wa Tamasikwa o godile, mme modutelo o neelang baagi metsi ga o tlhole o ba kgona. Seepamere are ba tlile go tsenyetsa baagi modutelo o montsha.




