Mankuroane o kgala ka bogale go thubiwa ga mephato


Ka OBAKENG MAJE 

10 Sedimonthole 2024- Mephato ele mebedi e thubilwe kwa motseng wa Mabereng, gaufi le Taung, ka di 6 Sedimonthole 2024. Se se tla morago ga magatwe a gore bangwe ba borra-mophato jaaka Kgethisi Kgethisi, Mogote Pico ga mmogo le Spengwane Bareetseng, ba ile ba tsenya mophato ntle le ditlankana tse di maleba. 

Komiti ya porofense e e ikarabelang ka tsa go tlhatlhela ga mephato (Provincial Initiation Coordinating Committee), e e leng karolo ya Lefapha la Merero ya Setso mo Bokone Bophirima, ga mmogo le sepodisi, ba ne ba tsoga ka makuku a naka tsa kgomo go ya go halatsa mephato eo. 

Modula-setilo wa komiti eo, Kgosi Godfrey Ramosetlhe Gasebone are, batho ga ba utlwe, mme ke tlolo-molao go tlhatlhela mophato ntle le ditlankana tse di maleba. Gasebone are gore motho a feleletse a sa neelwe setlankana se se maleba go ka tlhatlhela, seo se raya gore ga a dira jaaka a ne a laetswe. 

“Jaanong, batho ba rona ga ba utlwe. Ba fetotse setso se sa rona kgwebo. Bana ba isitswe kwa dikolong tse dingwe tse di siameng tse di nang le ditlankana. 

“Gona le metse e mengwe e go neng go sa tshwanelwa go tlhatlhelwa mophato mo go yone, gonne gona le dikgosi tse di tlhokafetseng,” Gasebone wa tlhalosa. 

Mongwe wa bo rra-mophato e e thubilweng, Mogote Pico are: “Ba thubile mephato ya rona, mme ba re ba batla ditlankana tsa go tlhatlhela. Setlankana seo, ba se nyeleditse fela mo tafoleng ya bone. Rona re ile ra bona go le maleba gore re tlhatlhele fela. 

“Ga re itse gore sepodisi se tsaya kae maatla a go thuba mophato. Nna ke itse fa Lefapha la tsa Merero ya Setso fa le thuba mophato, le tshwanetse go tla go bona pele. Ba tshwanetse go tlhalosa gore mophato o thubiwa motlase ga mabaka a fe.” 

Kgabagre, Kgosi Sam Mankuroane are: “Go thuba mophato ke botubi. Ga o kake wa tlogela mophato o tsene nako e telele jalo, mme o be o tla go o thuba. Goreng lefapha le ne le sa lebe kwa kgotlha-tshekelo go kopa lekwalo-thibelo?

“Gatwe go tlhokafetse dikgosana di le tharo, mme ba re bangwe ba seka ba tlhatlhela. Ra tlhaloganya gore ko ga Baga-Maidi, go tlhokafetse Kgosi Kelebonye Motlhabane.” 

Mankuroane are se seneng se tshwanetswe ke go dirwa, ke go itsise borra-mophato botlhe gore ga ba tlhatlhele ngwaga o go ilela kgosi. Mankuroane are se se makatsang ke gore, ba bangwe ba neilwe ditlankana fa ba bangwe ba timilwe. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.