
Ka OBAKENG MAJE
21 Diphalane 2024- Go begwa fa seemo se tlhotse se tswile mo taolong, mme dithuto di batlile di kgorelesege kwa sekolong se segolwane sa Marubising le kwa sekolong se se potlana sa Keikanamang kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung, mo letsatsing la gompieno.
Go belaelwe fa baithuti ba le mmalwa ba ile ba tshwarwa ke moya wa matimone mo mosong. Se se tla morago ga gore moruti Moses Motlhale a rapelele baithuti pele ga ba tla tshimolola ka go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa mafelo a ngwaga.
Go begwa fa Motlhale, a ile a biletswa kwa dikolong tse pedi tse go ya go rapelela baithuti. Fela go ya ka bo maratahelele, baithuti bangwe ba ile ba aparelwa ke moya wa matimone, mme ba ile ba lela le go gowa.
Go begwa fa baithuti bao, ba ile ba tlhalosa fa ba bona dilo dingwe jaaka dinoga le tse dingwe.
Sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Mphata Molokwane are, bagokgo ba dikolo tse pedi tseo, ba tlhalositse fa gone go tsweletswe ka thapelo jaaka go ke go dirwe ngwaga le ngwaga pele ga baithuti ba kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa mafelo a ngwaga.
“Fela, go ile ga tlhalosiwa fa baithuti ba le supa ba mephato e kwa tlase ba ile ba bontsha fa ba na le kgatelelo ya maikutlo, mme ba simolola go lela le go gowa. Baithuti bao, ba ile ba rwalelwa kwa kliniking ya selegae go ka leka go ba neela thobo ya maikutlo.
“Jaaka re bua le wena jaana, baithuti bao ba siame. Ga gwa nna le di kgoreletsi mo go kwaleng ga ditlhatlhobo tsa marematlou kwa sekolong sa Marubising,” Molokwane wa tlhalosa.
Kgabagare, moruti o a neng a rapelela baithuti ba, Moses Motlhale are: “Ke ne ke ile go rapelela baithuti kwa sekolong se segolwane sa Marubising le se se potlana sa Keikanyamang. Se se diragetseng ke gore, baithuti ba ile ba nna mo seemong se sengwe.
“O tla fitlhela ba na le matsapa a farologaneng go tswa kwa malapeng a bone. Jaanong, erile fa dilo tseo di kopana le thapelo, di be di ba dira gore ba nne mo seemong se ba neng ba le mo go sone.”
Motlhale are go bua nnete, ene ga a rapele mong wa leina thapelo fa a rapela. Motlhale are o tsaya matsatsi a le supa pele ga a ya kwa go tshwanetsweng gore a ye go rapela teng.
“Se ke se buang ka leganong la ka, ke se se tlileng go ntsha dilo tse di maswe. Baithuti ba ne ba sa ngatege, mme ba ne ba wa le go gowa ekete ba bona dilo tsa boloi. Ke tswa go katolola dineo tsa bana, mme bangwe ba tlhalositse fa ba bona digaga le diphala. Ba bangwe ba tlhalosisitse fa ba bone bannabagolo ba tshwere dithobane.
“Ke selo se kgale se direga kwa Marubising. Jaanong, ke ile ka bilediwa le kwa Keikanamang. Ke utlwile gotwe bana ba wa. Fela, ga se ke utlwe sepe kwa sekolong se se potlana sa Lekang. Mme fa go ka nna le mokgwasa le gone, re tlile go ya,” Motlhale wa tlhalosa.
Motlhale are kwa Marubising ga are gatwe, mme o tswa teng. Are baithuti ba bangwe ba buseditswe magaeng, gonne barutabana ba ne ba tlhalosa fa ba kgoreletsa ditlhatlhobo tsa baithuti ba marematlou.








