
Ka OBAKENG MAJE
8 Diphalane 2024- Baagi ba kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung, ba latofatsa molekgotlha wa bone, Kagiso Pudule ka go sa nne le tirisano-mmogo. Ba re ebile Pudule wa ungwelwa mo diporojekeng tsa baagi, ga mmogo le ba kwa bogogadie.
Go begwa fa go ile ga nna le porojeke ya mantlwana-boithusetso kwa motseng wa Dryharts, fela Pudule le ene o ungwetswe, le mororo a direla masepala o mogolwane wa Taung. Baagi ba, ba latofaditse Pudule ka go ba ikgatholosa, fela o neela ba kwa bogogadie le ditsala tsa gagwe ke porojeke tsa motse.
Mosadimogolo Getrude Ngithi (64) are ntlwana-boithusetso ya gagwe e wele, mme o lobaka a itsisitse Pudule. Ngithi are fela ga go tle gore a agelwe ntlwana-boithusetso.

“Ke tshaba le go e dirisa, gonne ke tla wela mo teng. Ke dula le bana, mme re patelesega gore re ithusetse kwa patlelong.
“Ke lebaka le le telele ke itsisitse Pudule gore ntlwana-boithusetso yame e wele, fela ga ke bone thuso. Se ke se itseng ke gore, ntlwana-boithusetso yame e tswile gore e agiwe, mme ga ke itse gore e tshwerwe ke eng,” Ngithi wa tlhalosa.
O mongwe wa baagi le ene o lela selelo sa ga Ragele. Molemoeng Modise le ene o latofatsa Pudule ka go ikaba ka letlhakuri fa a rebola ditirelo.
“Thebolo ya ditirelo mo Dryharts ke tlhoba-boroko. Erile fa porojeke ya mantlwana-boithusetso e tsena mo motseng, re ne re ikwadisitse. Fela, Pudule o direla lelapa le le lengwe fela, eleng la kwa ga bo mosadi wa gagwe.
“Rona ba bangwe ra a tlodiwa, mme fela fa o bua le molekgotlha are o tla tla. Kgang eo ga e re tseye sentle, gonne le fa ditirelo di tla mo motseng, o neela batho ba gagwe ditirelo ntle le baagi,” Modise.
Mongwe wa kemedi ya baagi, Philemon Motsewabone are: “Go bua nnete fela, ga gona tirisano-mmogo magareng ga kemedi ya baagi (ward committee) le Pudule. Re ile ra kwala makwalo re kopa mmusa-kgotlha wa masepala, Grace Moipolai go tla go tsereganya kgatlhanong le maitshwaro a makgasa a ga Pudule.
“Selo seo se re tshwenya thata, mme fa go sena botsitso magareng ga molekgotlha le kemedi ya baagi, seo se tlile go ama thata ditirelo mo motseng. Jaanong, ga ese re bone karabo go tswa go Moipolai, mme re tshepa fa a ka tla ka tharabololo.”
Kgabagare, Pudule o a neng a angwa fela ke tse a neng a di apereng are, baagi ga ba na dingongorego. Are batho ba ba ntshitseng dingongorego ke maloko a lekoko la sepolotiki la EFF, mme ene ga dire le batho ba go tshwana le bao.



