Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Simon Molale/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
Kopo ya beile kgatlhanong le lekawana le le latofadiwang ka go tlhaba le go bolaya lekgarebe la gagwe kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, e tlile go reediwa kwa kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore kgetsi ya polao kgatlhanong le Simon Molale (22), e busetswe morago ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la maabane, fa a ne a dira kopo ya beile.
Go begwa fa Medichane a bolailwe ke mokapelo wa gagwe, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.
Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung di ura morago ga tiragalo.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are Molale one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ya ga Medichane.
“Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”
Kgetsi katlhanong le Molale e buseditswe morago go fitlha ka di 26 Phatwe 2024, mo a solofetsweng go dira kopo ya beile.
Setshwantsho: Majoro wa masepala o mogolwane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba Taung ba neseditse pula go tlosiwa ga majoro wa masepala o mogolowane wa Taung, Tumisang Gaoraelwe mo maemong a gagwe. Seno se tla morago ga gore lekoko le le busang la ANC mo porofenseng ya Bokone Bophirima, le tlhalose fa le kopile Gaoraelwe go ka itokolola mo tirong.
Gaoraelwe o ile a kgadiwa thata go ya ka maitshwaro a gagwe a makgasa. Gaoraelwe o latofadiwa ka go dirisa dijanaga tsa masepala botlhatshwa morago ga go amega mo dikotsing tsa sejanaga makgetlho a le mmalwa.
Baagi ba re ga gona se Gaoraelwe a se diretseng motse wa bone wa Taung, ntle le go tlhola a iphantse ka nnotagi le go goga-goga leina la masepala mo seretseng.
Mongwe wa baagi, Xolani Ngonyana are: “Ke itumetse thata go bona ANC e tlosa majoro mo tirong ya gagwe, gonne re letile sebaka sa dingwaga di ka nna pedi gore e tseye tshwetso eo. Re lobaka re le baagi re ntsha maikutlo a rona gore Gaoraelwe a ntshiwe mo maemong a gagwe, gonne go ne go bontsha fa a sena bokgoni.
“Gaoraelwe kgale a sirelediwa ke bangwe ba baeteledipele ba ANC mo porofenseng. Fela, se se utlwisang botlhoko ke gore bone ba ne ba sa itse maikutlo a rona. Re sentse re bua se re neng re se bua mo ngwageng tse pedi tse di fetileng re re, Gaoraelwe o paletswe ke tiro ya gagwe.”
Kenaleone Mogamisi le ene o tlhalositse fa tshwetso ya go tlosa Gaoraelwe, e tshwanetse e kabo ele kgale e dirilwe. Mogamisi are go nnile le dilo di le dintsi tse kgale di diragala mo pele ga matlho a bone, mme go sa buiwe sepe.
“Re lobaka re ipotsa gore go baneng e kare monna o ene go thata gore a ka kgomiwa le go ntshiwa mo maemong a gagwe. Re bua se go ya ka botlhatshwa jo kgale re bo bona bo diragala le ka mokgwa o a ntseng a tsamaisa masepala wa Taung ka teng.
“Go dilo di le dintsi tse re utwileng gotwe di a diragala kwa masepala, jaaka go nyelela ga madi. Fela go nyelela ga madi, ke gone go nkutlwisang botlhoko, gonne Taung e letobo, ebile ga go bonagale sepe se se tla tshidisang ngwana wa Taung,” Mogamisi wa tlhalosa.
Are gona le ma gatwe a gore go nyeletse madi a kanang ka R160 million kwa masepala.
Leloko la mokgatlho wa sepolotiki la Umkhonto weSizwe, Thato Mampane are mo malobeng, go ne go tletse-tletse mo mafaratlhatlheng gore Gaoraelwe o thudile ka dijanaga tsa masepala. Mampane are gape go ile ga nna le dipego tsa gore sejanaga sa masepala sa BMW X3 sa madi a kanang ka R700 000, kgale se kgweediwa ke mosadi wa ga Gaoraelwe.
“Go begwa fa Gaoraelwe a ile a tlhalosa fa mosadi wa gagwe o na le tetla ya go kgweetsa sejanaga seo. Ntlha enngwe ke ya gore, basha bangwe ba ile ba isiwa kwa sekolo sa go nna borapharakano, fela go fitlha ga jaaka ba dutse mo gae, mme ga ba dire gonne masepala o tlhalositse fa o sena madi a lekaneng.
“Motsamaisi wa matlole wa masepala, (Chief Financial Officer), le ene o ile a itokolola mo tirong. Gona le magatwe a gore madi a kanang ka R160 million a nyeletse. Go bua nnete ga se gore ke senya Gaoraelwe, fela sa gagwe o dula fela a iphantse ka nnotagi,” Mampane wa tlhalosa.
Modulasetilo wa lekoko la Economic Freedom Fighters (EFF) mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Tebogo Babuile are: “Re amogela tshwetso e tshotsweng ke boetapele jwa ANC mo porofenseng ya rona ya Bokone Bophirima ka go gogela morago majoro. Nnete ke gore, re lobaka re ntse re bua re le balekgotlha ba EFF mo khanseleng ya Greater Taung Local Municipality (GTLM), re re re kgonegile ka seemo se masepala oneng o iphitlhela ole mo go sone ka ntlheng ya ga Gaoraelwe.
“O tla gopola gore mo nakong e fetileng, ke rona re neng re goa re be re goa go fitlhela re be re tshegetswa ke bangwe ba balekgotlha ba mokgatlho wa ANC gore Gaoraelwe a itokolole mo tirong, kgotsa a tlosiwe ka mokgwa wa go tlhoka tshepo mo go ene (motion of no confidence).”
Babuile are ga se Gaoraelwe a le nosi o a ntseng a tsaya karolo mo dilong tse tsotlhe tse di ntseng di diragala kwa masepala. Are Gaoraelwe kgale a dira le mmusa-kgotlha wa masepala, Grace Moipolai, gonne one a mo sireletsa mo dilong tse tsotlhe.
Kgabagare, go begwa fa Gaoraelwe a setse a kwadile lekwalo la go itokolola mo tirong, mme sebueledi sa ANC mo Bokone Bophirima, Tumelo Maruping are lekoko le tlile o thapa Gaoraelwe mo maemong a sele.