
Ka OBAKENG MAJE
Sepodisi sa Taung se tlhalositse fa monna (22) o golaganngwang le polao ya lekgarebe la kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung, a tshwerwe. Seno se tla morago ga gore setopo sa lekgarebe, Tshepiso Medichane (21) se seneng se tlhabakakilwe ka thipa, se bonwe se rapaletse mo bophadi-phading jwa madi ka masa a letsatsing ma Moshupulogo.
Go begwa fa Medichane a bolailwe ke mokapelo wa gagwe, mme sebakwa sa tiro e, se sa itsiwe. Go ya ka mongwe o boneng ka matlho, lekawana le, lene la tlhabakaka lekgarebe le, mme one a tshaba mo lefelong la tiragalo fa a bona batho.
Fela, go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ne ba mo tshwara le go mo isa kwa seteisheneng sa sepodisi sa Taung mo letsatsing la maabane.
Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete molatofadiwa mo kgetsing e ya polao o tshwerwe. Molatofadiwa one a isiwa kwa seteisheneng sa sepodisi ke ba lelapa la gagwe.
“One a na le dikgobalo, mme o ile a amogelwa kwa bookelong jwa selegae. O tla tlhagelela kwa kgotlha-tshekelo fa a setse a itekanetse. Molatofadiwa o lebagane le kgetsi ya polao, mme thipa e e dirisitsweng go bolaya moswi ene ya fitlhelwa kwa lefelong la tiragalo.”
