
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba kwa motseng wa Sekhing, gaufi le Taung, ba ikuela go masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati go ka ba neela metsi. Baagi ba kaile fa ba na le dingwaga di feta robedi ba sa bone metsi.
Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Revelation Dioka are malobanyana fa, ba ile ba etelwa ke motlatsa-mopresidente, Paul Mashatile, mme metsi ane a pumpunyega mo dipompong tsa bone. Fela Dioka are, ba ile ba makala thata fa ba bona metsi a sa tlhole a tswa mo letsatsing le le latelang.
“Baagi ba patelesega go nwa metsi go tswa kwa Sedibeng le tanka tse di mo motseng. Maswabi ke gore tanka eo ga mmogo le sediba seo, ga di tswalwe, mme baagi bangwe ba latlhela mengato ya bana, ditlhogo tsa dintswa le dikatse mo teng. Diphologolo tsone ga ke bue gonne di bolawa ke lenyora,” Dioka wa tlhalosa.
O mongwe wa baeteledipele wa baagi, Boitumelo Might are ba na le ngwaga fa e sale molekgotlha yo a ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha kwa masepaleng wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Pico Seepamere a ba tshepisitse gore masepala o tlile go ba epela madutelo (boreholes) mo motseng wa bone. Might are fela ba sentse ba beile letsogo mo phatlheng.
“Masepala o thapile moneela-ditirelo gore are neele metsi ka ditanka, fela matsapa ke gore, moneela-ditirelo o, o boa gape a re a rekisetsa. Re bua re penne sehuba gonne re dirile dipatlisiso,” Might wa tlhalosa.
Kgabagare, Seepamere are: “Re samagane le ntlha eo ya tlhokego ya metsi. Re na le dithulaganyo tse re di tsenyang tirisong, mme maitlhomo ele go rarabolola bothata jwa metsi. Tota gone ke nnete ke dikgwedi baagi ba tlhoka metsi, mme mathata ke go tswalega ga peipi e isang metsi kwa go bone.
“Jaanong, motlamedi wa rona wa metsi eleng Magalies Water, o tlile go re thusa go ka rarabolola bothata jo. Re na le tshepo ya gore baagi ba tla bona metsi mo matsatsing ale mararo a tlang mo kgaolong ya Tlapeng le Mocweding.”
Seepamere are ke nnete metsi mo madutelong a teng kwa Sekhing, fela a kgotlhegile. Are ke ka moo ba neelang baagi metsi ka mokgwa wa ditanka.





