
Ka OBAKENG MAJE
Sekolo se segolwane sa Redirile kwa motseng wa Mokassa, gaufi le Taung, se tlhalositse fa se itumeletse go amogela diaparo tsa sekolo tse ba di neetsweng ke mokgatlho o eseng wa puso wa Greater Taung People Living With HIV and AIDS. Mokgatlho o, one o neela baithuti bangwe ba ba dikobo di magetleng diaparo tsa sekolo.
Motsamaisi wa diporojeke (Project Manager) go tswa kwa mokgatlhong wa Greater Taung People Living With HIV and AIDS, Dimakatso Molusi are, ba abetswe diaparo tseo ke lebenkeleng la Ackermans go tswa kwa Bloemhof. Molusi are ba neetse sekolo marukgwe, dihempe tse ditshweu tsa sekolo, ga mmogo le dikausu.
“Fa re amogetse kabo go tswa go ditheo tse di farologaneng, re buisana le dikolo dingwe le go sheba baithuti ba ba tlhokang diaparo tseo, mme re ba neele tsone. Re dira seo go ralala Taung, mme re rotloetsa baagi ka bontsi go ka tsaya karolo.
“O tla gopola gore ngwana sejo wa tlhakanelwa, ebile ntime o mphele ngwana. Jaanong, fa re neela baithuti ba ba rona tlhokomelo, re tla bona moputso o siameng. Ke baeteledipele ba kamoso, jaanong ke ne ke tla itumela thata go bona ditheo tse di farologaneng le tsone di tsaya karolo mo tiragalong e,” Molusi wa tlhalosa.
Molusi are go le gantsi, baithuti bao ba feleletsa ba ikobonya, mme seo se kgoreletse dithuto tsa bone. Molusi are baithuti bao, ba tshwanela ke go dira ka natla go ka fetola seemo sa kwa malapeng a bone.
“Moswi Dr Nelson Mandela o ile a tlhalosa gore thuto ke lesedi, mme ngwana mongwe le mongwe o tlhoka tlhokomelo e tseneletseng, gonne seo ke tshwanelo ya gagwe. Jaanong, go tsaya motse otlhe go ka godisa ngwana.
“Go tshwanetse gore baithuti fa ba le mo phaphosi-borutelo, ba ipone ba lekalekana. Re tlile go tswelela fela jalo le go netefatsa gore ga gona ngwana ope o salelang kwa morago,” Molusi wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa Lefapha la Thuto mo Bokone Bophirima, Elias Malindi are: “Re itumeletse thata go bona setheo sa Greater Taung People Living with HIV and AIDS, se neela kabelano e. Re le lefapha re motlotlo, ebile re ipela ka bone.
“Ka gale re dula re rotloetsa tirisano-mmogo ma gareng ga ditheo tse di farologaneng le lefapha, gonne seo se godisa botsalano jwa rona.”