Dipego tse di sa totobalang di shupa fa kereke ya UCCSA mono Taung e thubilwe ke magodu 


Ka OBAKENG MAJE 

Go begwa fa go nnile le go thubiwa kwa kerekeng ya UCCSA mono Taung. Go ya ka dipego tseno tse di sa totobalang, go utswitswe dilwana kwa kerekeng. 

Fela sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o tlhalositse fa go sena kgetsi e butsweng. 

“Ga gona kgetsi e butsweng go fitlha ga jaana. Fela, re tla leka go totobatsa dintlha tseo, mme re neelane ka tshedimosetso e e maleba,” van Rooyen wa tlhalosa.

Taung DailyNews ga ya kgona go utlwa letlhakuri la baeteledipele ba kereke, fela, lekwalo-dikgang le tla tswelela go batla dintlha ka botlao.  

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.