
Ka OBAKENG MAJE
Baagi ba motse wa Kgomotso, gaufi le Taung, ba amogetse thapelo ya tsela e eneng e rulagantswe ke masepala o mogolwane wa Taung mo letsatsing la gompieno. Molekgotlha wa masepala, Itumeleng Maribe are, ba ne ba rulagantse thapelo mo tseleng ya D201, gonne ba itemogetse dikotsi di le dintsi mo tseleng e mo nakong e e fitileng.
Go ya ka Maribe, ba ne ba memile dikereke ka go farologana, mme seo se tlile go rotloetsa badirisi ba tsela go nna kelo-tlhoko ka dinako tsotlhe. Maribe are jaaka naga e tla e lebile matsatsi a paseka, ba batla go kopa batho botlhe gore ba ikele tlhoko, mme ba efoge go nna batswa-setlhabelo ba dikotsi tsa tsela.
“Fa ke ne ke simolola go nna molekgotlha wa kgorwana e ya 20 ka 2016, dikotsi tsa ditsela, segolo-bogolo jang mo tseleng ya D201, di ne di le kwa godimo thata. Jaanong, re bone fa go le botlhokwa gore retle ka lenaneo le lago rapelela tsela.
“Re bone fa go le botlhokwa gore re laletse Modimo mo thapelong e, mme re rapele le diputhego tse di farologaneng. Seo se tla re thusa go romela molaetsa go badirisi ba tsela gore ba tswelele go ipabalela. Fa esale re tshimolotse ka thapelo e ngwaga le ngwaga, re itemogetse kwelo-tlase mo dikotsing tsa tsela mo tseleng e,” Maribe wa tlhalosa.
Maribe are jaanong ba ile ba mema le Lefapha la Ditirelo tsa Setshaba le Ditsela go ka tla ka tsereganyo. Maribe are lefapha le ile la tsenya diphophola (traffic calming) mo tseleng eo.
“Seo se ile sa re thusa thata gore bakgweetsi ba kgweetse ka iketlo mo tseleng e, thata jang fa ba kgweetsa mogare ga motse,” Maribe wa tlhalosa.
Kgabagare, moruti go tswa kwa Lefapheng la Pharakano, Chaplin Modirakgotla Jerry Batshelakang are, tirelo e ya thapelo e botlhokwa gonne e tlile go tsibosa badirisi ba tsela. Batshelakang are ka ba dumela gore thapelo ke maatla, ke ka moo ba boneng go le botlhokwa go ikgolaganya le mmopi.
“Ke dumela fa re bone pharologano mo dikotsing tsa tsela e, fa esale re tshimolotse go rapela. Nako le nako fa re rapelela tsela e, re simolola kwa go yone go kopa maatla le botlhale kwa Modimong.
“Re leboga botsamaise jwa rona go tla ka lenaane le. Dikotsi tsa tsela go le gantsi di tlholwa ke maitsholo a botlhatswa a badirisi ba tsela. Ke eletsa fa go ka nna le thupelelo ya maitshwaro mo bakgweetsing, ga mmogo le badirisi ba tsela ka kakaretso. Ga re gane, dikotsi tse dingwe tsa tsela di tlholwa ke gore bakgweetsi ba kgweetsa ba iphantse ka nnotagi ka dinako tse dingwe,” Batshelakang wa tlhalosa.
Are o rotloetsa batsamaya-ka-dinao go apara diaparo tse di bonalang fa ba tsamaya mo tseleng, thata jang fa go le bosigo. Batshelakang are, o ikuela go bakgweetsi go se kgweetse ka lebelo le le kwa godimo, kgotsa go kgweetsa ba itshietse.