
Ka OBAKENG MAJE
Go begwa fa mong maloba wa lefelo le le rekisang bojalwa la The Meat Brothers, gape ele rakgwebo o a itsegeng thata mo Taung, Tshwaro Mangwegape (41), o dirile kopo ya ditheetso tsa go ikuela kgatlhanong le go ganelwa ka beile mo kgetsing ya gagwe ya polao le maiteko a polao kwa kgotlha-tshekelo e kgolwane ya North West High Court kwa Mahikeng.
Seno se tla morago ga gore kgotlha-tshekelo ya Taung, e mo ganele ka beile, mme e tlhalose fa gona le di kgonagalo tsa gore a ka henahenana le dipaki.
Mangwegape, o latofadiwa ka go bolaya motshameki o diphatsa wa setlhopha sa kgwele ya dinao sa NWU Institute, Undivile “Vilo” Mdi (28) ga mmogo le go tlogela tsala ya gagwe ya tlhogo ya kgomo, Aobakwe Ernest Kokwe (33) ka dikgobalo tse di masisi.
Go begwa fa Mdi le Kokwe, ba ne ba le magareng ga batho ba ba neng ba etetse lefelo la The Meat Brothers Pub ka di 16 Sedimonthole 2023, go ya go ijesa monate fa gone go runya thuntso.
Go ya ka Mangwegape, Mdi le Kokwe, ba ne ba le gareng ga setlhotshwana se se neng sa tsena ka dikgoka kwa lefelo la gagwe le go senya dithoto. Morago ga tiragalo e, Mangwegape one a ineela kwa sepodising.
One a tshwarwa le go latofadiwa ka polao, ga mmogo le maiteko a polao.
Jaanong, mongwe wa baeteledipele wa baagi, Kgakololo Koji are: “Rona re batla gore molao o diragadiwe, mme le ene ona le ditshwanelo tseo. Fela, rona jaaaka re le baagi, re tla romela dikemedi tsa rona tse di tla netefatsang fa molao o diragadiwa. Re bone molaetsa wa gore monna o, o tsentse kopo ya ditheetso tsa beile mo kgetsing ya gagwe go tswa kwa motsading wa moswi.
“Jaanong, go ya ka dipego, kgetsi e tla be e reeditswe ka Labotlhano. Mme fa a ka bona beile, re tla be re itse gore molao wa naga ya Afrika Borwa wa shogelela, ebile ga o emele baagi sentle ka go lekana.”
Kgabagare, mmueledi o diphatsa wa ga Mangwegape, go tswa kwa Isang Nakale Attorneys, Isang Nakale are ke nnete ba tsentse kopo ya ditheetso tsa go ikuela kgatlhanong le go ganelwa ka beile kwa North West High Court kwa Mahikeng.
Fela, Nakale are ka maswabi ditheetso mo kgetsing eno, ga di kitla ditswelela pele, gonne moatlhodi-mogolo oneng a tshwanetse go reetsa kgetsi e, o tla be a seo.
“Ke nnete, mme ditheetso ga nkitla ditswelela pele. Moatlhodi-mogolo o tla be a seo ka lesatsi leo. Fela, re a tshepa gore re tla bona letsatsi lengwe le le gaufi gore re tswelele ka ditheetso tse,” Nakale wa tlhalosa.
Kgetsi ya polao le maiteko a polao kgatlhanong le Mangwegape, e buseditswe morago go fitlha ka di 3 Moranang 2024 ke kgotlhatshekelo ya Taung.






