Baagi ba Molelema ba lela ka tlhokego ya metsi 


Ka OBAKENG MAJE 

Tlhokego ya metsi e tsweletse go nna tlhoba-boroko go ralala Taung. Seno se tla morago ga gore baagi ba Molelema, gaufi le Taung, ba supe fa ba na le dingwaga-ngwaga ba tlhoka metsi. 

Baagi ba, ba tlhalositse fa ba patelesega go reka metsi go tswa kwa mafelo a mabapi jaaka Lenganeng, Morokweng le Kokomeng. Baagi ba, ba re ba utlwalelwa ke manokonoko a go reka metsi, gonne sekopu se le sengwe se R5. 

Mongwe wa beteledipele wa baagi, George Tong are, ga se baagi fela ba ba amilweng ke tlhokego ya metsi, mme le diphologolo tsa bone di bolawa ke lenyora. 

“Metsi ke tlhoba-boroko mo motseng wa rona, mme re na le dingwaga di feta tharo fa esale re lela ka tlhokego ya metsi. Bothata jo, kgale bo itemogelwa ke baagi ba kgaolo ya Verganoeg thata, fela bo aname le motse otlhe jaanong. 

“Ke buile le molekgotlha wa kgorwana ya rona, Pico Seepamere mo dibekeng tse tharo tse di fetileng. Seepamere o ile a tlhalosa fa ba tlile go fedisa bothata jwa tlhokego ya metsi, mme fela ba itemogela matsapa kwa madutelong a bone,” Tong wa tlhalosa. 

Tong are, fela go bontsha fa ditshepiso tsa ga Seepamere di ne di sena motheo, gonne go fitlha ga jaana di diba di setse di kgadile.  

O mongwe wa baeteledipele wa baagi, Kgosietsile Tshake, le ene o latlhetse tlhware legonnyana. Tshake are metsi ke tlhoba-boroko bosigo le motshegare kwa motseng wa bone. 

“Re na le ditanka di le nne tse di tswang kwa masepala. Ditanka tse, di na le dikgwedi di le supa masepala a ntse a di tlisitse mo motseng wa rona. Maikaelelo a tsone ene ele gore, fa metsi a fedile mo motseng, masepala o di tlatse gore baagi ba kgone go bona metsi. 

“Jaanong, maswabi ke gore ga di re lekane, gonne re na le dikarolo dile supa mo motseng. Re ikopela go masepala gore o dire botokwa, mme o tlatse ditanka tse ka nako gore ene ere fa ba sentse ba baakanya madutelo a metsi, re be re ga metsi go tswa mo go tsone,” Tshake wa tlhalosa. 

Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana ya motse wa Molelema, Pico Seepamere are: “Motse wa rona wa Molelema, ga o tlhoke gore baagi ba tshelelwe metsi ka ditanka. Matsapa ke gore go dira engine ele nngwe, mme se se tlhokagalang fela, ke gore go baakanngwe engine enngwe. 

“Gape, kgokelelo ya motlakase le yone e sentswe, me re mo di puisanong le setlamo sa Eskom ga mmogo le sa Magalies Water gore re baakanya jaang kgokelelo eo. Ka Lamatlhatso, kene ke tsenetse kopano le baagi ba ba amegileng, mme ene ya re go tsweng foo, re ne ra ya go pompa metsi kwa engine e kwa kgaolong ya Verganoeg.”

Seepamere o ikuetse go baagi go netefatsa fa ba sireletsa madutelo a bone gore a se senngwe ke batho. Seepamere are o tshepisa baagi gore go simolola mo letsatsing la kamoso ba tla be ba nwa metsi. 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.