Baagi ba Dryharts ba itumeletse korong morago ga gowa ga terena e tsamaisang dithoto


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba motse wa Dryharts, gaufi le Taung, ba re le fa ba lela le setlamo sa puso sa Transnet ka go senyegelwa, fela bone ba itumeletse gore ba bone korong ya mphiwa fela. Seno se tla morago ga gore, terena e tsamaisang dithoto e wele gaufi le motse wa bone mo letsatsing la maabane.

Baagi ba, ba ne ba tswa ka dikgamelo go ya go rwala korong eo, mme ene ya nna seboa-boane sa banyana ba Picong, go fitlhela badiri ba setlamo sa Transnet ba goroga kwa lefelong la kotsi. Go fitlha ga jaana, ga go itsiwe sebakwa sa kotsi, mme dipatlisiso di tsweletse.

Mongwe wa baagi o sa batleng leina la gagwe le itsiwe wa tlhalosa: “Nnyaa, tota rona morago ga go utlwa gore terena ya dithoto e wele, mme korong e gasame mo fatshe, rene ra itelekela kwa lefelong la tiragalo. Mme ke nnete re fitlhetse gontse fela jalo. Jaanong go goroga ga rona, ga ra botsa le gore go diragetseng, mme ra tlatsa dikganelo ka korong.

“Re maswabi gore re be re tseile korong ya setlamo sa Transnet, fela botlhoka-tiro bo ile kwa godimo. Gape, re tlhasetswe ke bohuma, jaanong re tla dika re rekisitse korong, mme ka letsenonyana leo motho o tla bona gore o reka eng.”

O mongwe wa baagi are ene o utlwile modumo o makatsang, mme ene ya re fa a latlhela bofofu kwa modumo o tswang teng, one a bona tlhogo ya terena e kalakatlega e le nosi, mme mmele wa yone o wele.

“Tota ga ke itse gore kotsi e, e ka tswa e bakilwe ke eng. Fela ke belaela go nnile le bothata fa seporong. Ke belaela ka gongwe sene se kgaotswe, gonne modumo o ne o utlwala kgakajana.

“Jaanong, baagi ba ile ba goroga le go itseela korong e eneng e tshologa go tswa mo tereneng e tsamaisang dithoto. Sepodisi se ile sa bidiwa ga mmogo le ba ditirelo tsa potlako. Go begwa fa mokgweetsi wa terena e, a iponetse dikgobalo tse di botlhotshwana ga mmogo le mothusi wa gagwe. Ba ne ba rwalelwa kwa bookelo kwa Vryburg go bona thuso ya potlako,” monna o wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, ga se a boele go Taung DailyNews ka dintlha ka botlalo.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.