
Ka OBAKENG MAJE
Kgetsi ya bogodu jwa leruo kgatlhanong le banna ba le babedi ba kwa motseng wa Dikhuting, gaufi le Taung, e tlile go boela kwa kgotlha-tshekelo ya Klerksdorp mo letsatsing la gompieno. Koronovea Modise le Keboikile Scotch Molefe, ba ne ba lelelwa ke ditshipi kwa tsela-kgolong ya N12, kwa motse-setoropong wa Jouberton, gaufi le Klerksdorp ka di 2 Ngwanatsele 2023.
Go begwa fa Modise le Molefe, ba ne ba tshwarwa morago ga go fitlhelwa ka dipudi di le 29 tse go belaelwang fa ele tsa bogodu. Go belaelwa fa dipudi tseo, di utstwitswe kwa motseng wa Manthe. Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, batlhankela ba sepodisi ba ba ne ba le mo tirong, ba ne ba bona sejanaga se se belaetsang, mme ba se sala morago.
“Bane ba se emisa, mme ba kopa mokgweetsi go ka lekola sejanaga seo. Batlhankela ba sepodisi, ba kaile fa ba fitlhetse dipudi dile 29 kwa morago ga sejanaga seo (van). Banna ba, ba ne ba tshwarwa.
“Banna ba, ba lebagane le kgetsi ya go tshwara ka dipudi tse go belaelwang ele tsa bogodu,” Funani wa tlhalosa.
Kgabagare, sepueledi sa National Prosecuting Authority (NPA) mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Henry Mamothame are, Molefe le Modise ba neetswe beile ya R700 mongwe le mongwe, mme kgetsi ya bone e buseditswe morago go fitlha 14 Tlhakole 2024, fa dipatlisiso di tsweletse.