Monna wa kwa Chiefscourt ona le dingwaga di le 20 a kwadisitse ntlo ya RDP, mme ga go nko e tswang lemina


Ka OBAKENG MAJE

Monna mongwe wa kwa Chiefscourt, gaufi le Taung, o kaile fa a setse a latlhegetswe ke tshepo morago ga go kwadisa ntlo ya RDP dingwaga di feta masome a mabedi, fela ga go nko e tswa lemina. Patrick Kgopodimetsi (37) yo o dulang mo ntlung ya mmu ya diphaphosi di le pedi are, fa e sale batsadi ba gagwe ba kwadisitse ntlo ya RDP fela ga go tle gore e agiwe.

Kgopodimetsi yo o tlhalositseng fa batsadi ba gagwe ba tlhokofetse mo ngwageng o o fitileng, are o ikuela go masepala o mogolwane wa Taung go mo tlhaga thuso.

“Ke lobaka re emetse ntlo ya RDP, fela ga gona ope o re thusang. Ntlo eo, ene e kwadisitswe ke rre o a ntsalang eleng, Maele Kgopodimetsi. Fela, o ile a tlhokafala mo ngwageng o fetileng. Se se botlhoko, ntlo e ya mmu e ya wa, mme ga gona ko re tla bonang thuso teng.

“Rena le dingwaga di le 20 re kwadisitse ntlo, mme ga go direge sepe. Ke ile ka leba kwa masepala, mme ga gona thuso. Ke ne ke kopa gore ba ba maleba ba ntlhage thuso,” Kgopodimetsi wa tlhalosa.

Moagisani wa ga Kgopodimetsi, Maserame Karope (61) are o na le sebaka e le moagisani wa ga Kgopodimetsi, mme seemo se a tshelelang mo go sone ga se jese diwelang. Karope are, se se botlhoko, ene ya re ka phitlho ya ga rragwe Patrick, ntlo ile ya wa setopo se le mo ntlung.

“Re kopa gore puso e thuse lelapa le, gonne seemo se ba tshelelang mo go sone ga se sentle le eseng,” Karope wa tlhalosa.

Kgabagare, molekgotlha wa kgorwana e, Kealeboga Seboko are: “Ga nkake ka ba ka ganela gore Patrick a ka tswa a na le dingwaga dile 20 a tsentse kopo ya ntlo. Fela, nna kena le dingwaga di le pedi fela ke le molekgotlha. Jaanong, seo se raya gore ke fitlhetse seemo ka mokgwa o seleng ka teng, mme se ke se tlhaloganyang ke gore ntlo e Patrick a bua ka yone, ke ntlo ya kwa lelapeng la bone.

“Jaanong, fa seemo se ntse jaana, o tshwanetse gore o ele tlhoko gore kgang e ga e kitla e tsosa ketsaetsego mo lelapa, gonne o ka tlogana o fa motho a le nosi ntlo mme seo se tsose tlhatlharuwane. Ga gona bothata gonne ntlo eo, e setse e netefaditswe gore e teng, mme se ke tlileng go se dira ke go golagana le ba lelapa, mme bone ba tlhope kemedi ya bone.”

Seboko are ba lelapa ba tla tlhalosa gore, ntlo e e tlabe e agiwa, ga ese ya motho ope, mme ke ya lelapa. Seboko are jaanong, ga nkitla a naya motho a le nosi ntlo, ntle le netefaletso ya lelapa.

“Ntlo ya ko ga Kgopodimetsi e netefaditswe, mme Patrick ene a tswelele a kwadise ntlo e eleng ya gagwe fela jalo, gonne rona rele masepala, ga re beng ba mantlo. Lefapha la matlo le dipuso selegae ke lone le ikarabelang ka matlo.

“Gongwe o tla atlega fa nako e ntse e tsamaya. Mo lenaneng le ke nang le lone, ntlo ya kwa ga rra Kgopodimetsi e teng mo lenaneng, fela mong wa ntlo ene ke Maele Kgopodimetsi yo a setseng a hulere,” Seboko wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.