Monna wa mosweu yo eleng ngaka ya setso, o alogile go tswa kwa mophatong


Setshwantsho: Sealogane sa mophato, Eddie Jones   

Ka OBAKENGMAJE

Ke dialogane di feta 3000 tse di alogileng go tswa kwa mephatong e e farologaneng go rarala motse wa Taung fa ngwaga wa 2023 a ne a ya fifing. Fela, mophato wa ga Otlhagile Diketso Maine (57) kwa ditompong, one wa makatsa bontsi jwa batho go bona monna mongwe wa mosweu ele karolo ya seo.

Rramophato Otlhagile Diketso Maine, o kaile fa mongwe wa dialogane tsa gagwe ene ele monna wa mosweu, Eddie Jones (28) go tswa kwa Christiana. Maine are, ene ele ga ntlha mo botshelong jwa gagwe a nna le sealogane sa motho mosweu.    

“Ke na le dingwaga dile nne ke rupisa, mme ga e se ke tsamaye ke tlhatlhele monna wa mosweu. Ke ile ka bona fa go le botokwa gore ke amogele Jones, gonne o ithutela tsa bongaka jwa setso, mme go botlhokwa gore a tlhaloganye ka mo setso sa rona sa Setswana se tsamaisiwang ka gone.

“Fa ke tsenya mophato, re thaya lefelo leo, mme mongwe le mongwe o tla beng ele karolo ya dimapo tseo, o tla be a sireletsegile go sa kgathalasege gore ke wa letso lefe. Fa o tsenya mophato, o tshwanetse go nna le tirisano mmogo e e tseneletseng le mafapha a farologaneng a puso jaaka Lefapha la Pholo,” Maine wa tlhalosa.

Maine are, fa motho a tlhatlhela mophato, gona le melao le melwawana e latelwang, mme botlhe ba ba batlang go tsenya mophato, ba tshwanetse gore ba ikopanye le mafapha a maleba.

Jones ene o kaile fa a lemogile gore ona le pitso ya go nna ngaka ya setso, mme gone go na le dilo dingwe tse a sa ditlhaloganyeng, ke ka moo a ile a tsaya tshwetso ya go ya mophatong. Jones are o tshimolotse a nna le ditoro tse di neng di tlhoka gore a tseye tsela ya bongaka, fela go ile ga nna thata, gonne a ne a sa dumele mo go tsone.

“Ke ile mophatong go ka ithuta thata ka setso sa Setswana. Ke ne ke tlhoka gore ke tlhaloganye dilo di le dintsi tse di dirwang mo Setswaneng, gonne ke ithutela bongaka. Botshelo jwame bo ile jwa tlhakatlhakana, mme ka lesego ke ile ka kopana le Maine.

“Ke ne ke dula ke lora bophadiphadi jwa metsi le ditaola, fela ke sa tlhaloganye gore di ka tswa di raya goreng. Maine one a mphatlhosa, mme ke ne ka bona diphetogo mo botshelong jwame,” Jones wa tlhalosa.

Are, ba lelapa la gagwe ba ile ba nesetsa pula tshwetso ya gagwe ya go ithutela bongaka, gammogo le go ya mophatong. Jones are, badimo ba gagwe ke bone ba mo laetseng gore e nne ngaka, ebile ditsela tsa gagwe di ile tsa bulega.

Kgabagare, Motlhankamotho Mogote Pico yo one a thusana le Maine go tsenya mophato are: “Jones ke motho mosweu wa ntlha mo kgaolong ya Taung go ya mophatong. Le nna ke isa mophato, mme ga ise ke tsamaye ke ise mosweu. Jaanong ga se maaka se re se buang, gonne o monna o o bolotse.

“Go botlhokwa go shomarela setso sa rona. Go le gantsi, re na le go itemogela matsapa jaaka go tlhokafala ga bana ba ba ileng mophatong. Fela, re rotlowetsa batsadi go lekola seemo sa boitekanelo jwa bana pele ga ba ka isiwa mophatong.”

taungdailynews@gmail.com

Batsadi ba utlwa manokonoko mapabi le tlhwatlhwa ya di uniform  


Setshwantsho: Lebenkele le le rekisang uniform ya sekolo

Ka REGINALD KANYANE

Bontsi jwa batsadi ba re ba tshwenyegile thata ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa diaparo (uniform) tsa sekolo go ralala naga ya Afrika Borwa. Go ya ka dipego, dikolo di le dintsi mo nageng, ditsweletse go rekisa diaparo tsa sekolo ka tlhwatlhwa e kwa godimo, mme seo se feleletse se itsa bana ba bangwe go ka tsena dikolo tse ba di ratang.

Go ya ka mokwaledi kakaretso wa makgotlha-tsamaiso a dikolo mo Afrika Borwa, Matakane Matakane one a buisana le Motsweding FM, are gona le dikolo dingwe tse di pateletsang batsadi go reka diaparo tsa sekolo kwa mafelong a rileng. Fela, Matakane are seo e tlile go nna selo sa maloba, gonne morero o, o batlisisiwa ke ba Competition Commission.

“Ke kgale re bua ka ntlha e ya gore batsadi ba se tlhole ba pateletswa go reka uniform ya sekolo kwa mafelong a rileng. Jaanaong, batsadi ba tshwanetse go itse gore ba letleletswe go reka uniform ya sekolo kwa ba ratang teng.  

“Ke fela gore diphetogo di na le matsapa, mme gona le dikolo tse di sa batleng go fetoga. Ke nako ya kgololosego, mme dilo di fetogile. Kgotlha-tsamaiso ya dikolo ena le molao o eleng karolo ya South African School Act gore, barekisi ba di uniform ga ba tshwanela go nna le konteraka e e fetang seelo sa bone,” Matakane wa tlhalosa.  

Matakane are, gape ba itemogetse gore gona le dikonteraka tse di bidiwang Evergreen tse di neetsweng barekisi ba di uniform. Matakane are batsadi ba tla be ba laelwa gore ba ye go reka uniform kwa lefelong le le rileng.

“Fela, maitemogelo a rona ke gore, gona le moungwelwa mogolo mo thefosanong eo. Jaanonng, kgang eo ga re dumalane le yone ebile ga e mo molaong. Seo se gataka ditshwanelo tsa baithuti, mme re ke re buisane le ba lekgotlha-tsamaiso ba sekolo go baakanya seo.

“Fela fa go sena diphetogo, re leba kwa Competition Commission go ba begela gore ba bolotse dipatlisiso, le go tsaya dikgato kgatlhanong le sekolo seo. Ga ke bone gore maloko a lekgotlha-tsamaiso a sekolo a ka amega mo botsukunapeng jo, gonne go le gantsi batho ba ba bonang pipa-molomo ke barutabana kgotsa bagokgo ba dikolo,” Matakane wa tlhalosa.

Kgabagare, setheo sa Moral Regeneration Movement (MRM) mo Bokone Bophirima, se ikuela go makgotlha-tsamaiso a dikolo go emisa ka go reka di uniform tsa sekolo kwa mafelong a tlhwatlhwa godimo. Mogokaganyi wa MRM mo Bokone Bophirima, moruti Lesiba Kgwele wa tlhalosa.

“Go le gantsi, di uniform tse di rekisiwang ka madi a kwa godimo di feleletsa di ama matshelo a baithuti ba ba dikobo dikhutshane. Le fa re amogela dipatlisiso tse di boloditsweng ke ba Competition Commission, re maswabi go bona dikolo di le dintsi di sentse di tswelela ka go ikamanya le barekisi ba di uniform ba ba rekisang ka tlhwatlhwa e kwa godimo.

“Go le gantsi, dikolo di nna le tumalano e eseng mo molaong le barekisi ba di uniform, mme ba pateletse batsadi go reka fela kwa go bone. Re ikuela gore botlhe ba ba tsweleditseng botsukunape jo, ba sekisiwe le go atlholwa fa ba ka bonwa molato,” Kgwele wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Banna ba ba neng ba latofadiwa ka polao ya ga Tshepang Seelo kwa Modimong, Rebaone Malekanyo le Tumelo Tlonkwe ba bonwe ba ja “soft”, fa baagi bone ba mina ka nko ele nosi   


Setshwantsho: Banna ba bane ba latofadiwa ka polao, Rebaone Malekanyo le Tumelo Tlonkwe ba iteboga

Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Modimong, gaufi le Taung, ba kaile fa ba tlile go lwa ka tse tsotlhe tse banang natso go netefatsa fa bosiamisi bo diragala. Seno se tla morago ga gore kgotlha-tshekelo e kgolwane ya North West kwa Vryburg, e se bone banna ba babedi ba ba ne ba latofadiwa ka go bolaya Tshepang Seelo (32) yo ene ele mogasi wa maloba wa seteishene sa loago sa Vaaltar FM. 

Ka 11 Ferikgong 2024, kgotlha-tshekelo e golotse Rebaone Malekanyo (33) ga mmogo le Tumelo Tlonkwe (32) morago ga go se ba bone molato. Lekgotlha le kaile fa go sena bopaki jo bo tsepameng go ka golaganyang banna ba le polao ya ga Seelo.

Go ya ka dipego, ka di 31 Diphalane 2021, Seelo one a tswa kwa thaveneng ya selegae, mme one a tsamaya le lekgarebe la gagwe. Go begwa fa Seelo ane a bona Malekanyo le Tlonkwe ba utswa disenke kwa ntlung nngwe, mme a ba kgala. Go begwa fa seo, sene sa tshakgatsa Malekanyo le Tlonkwe, mme ba mo atamela.  

Go ya ka bopaki jo bo rebotsweng kwa kgotlha-tshekelo, Malekanyo le Tlonkwe, ba ne ba teketa Seelo le go mo dira motswara-kananyo, pele ga ba mo bolaya. Go begwa fa banna ba, ba ne ba latlhela setopo sa ga Seelo kwa nokeng kwa Khibitswane.  

Ba ne ba ineela kwa sepodising morago ga gore go tsoge tlhatlharuane kwa motseng wa Modimong fa baagi ba ne ba angwa fela ke tse ba diapereng. Baagi ba ne ba bolotsa letsholo-patlo go batlana le Seelo. Go begwa fa baagi ba ne ba tlhosetsa matlo a banna ba ka molelo.

Fela banna ba, ba ne ba seka ba bonwa molato wa polao le ditatofatso tsotlhe tse ba neng ba lebagane le tsone.

Tsala e e ntshanang se se moinong le Seelo, Mosetsanagape Mohitlheng (35) are, bosekisi bo ile jwa gobelela mo kgetsing e.

“Banna ba, ba boleletse lekgotlha fa ba ne ba seo kwa Modimong ka letsatsi la ditiragalo. Fela, seo ke maaka a matala gonne ke ne kena le bone kwa thaveneng ka letsatsi leo. Ke ile ka ba ka kopa Malekanyo gore a nrekele e e tsiditsana, mme one a ntshepisa gore o tla diraga jalo mo letsatsing le le latelang.

“Ka di 1 Ngwanatsele 2021, rene ra leba kwa matlung a banna ba, mme mmagwe Malekanyo, one a dirisa mogala wa letheka go bua le Rebaone. Se re se utlwileng mo mogaleng, Rebaone one a bolelela motsadi wa gagwe gore a reye batho ba ba ne ba tletse ka jarata gore fa ele gore ba batla Seelo a tshela, ba se fise sepe,” Mohitlheng wa tlhalosa.

Mohitlheng are, batlile go dira boikuelo mo kgetsing e, gonne one a tshwanetse gore e nne paki, ka maswabi mmatlisisi wa kgetsi ga ka a mo neela tshono eo.

Kgabagare, Malekanyo le Tlonkwe ba ne ba bonwa ba iteboga kwa lebenkeleng lengwe la mabono le le rekisang dijo kwa Vryburg, morago ga go gololwa. Mogoloe Rebaone, Pacman Malekanyo are ba tlile go netefatsa fa ba sala kgetsi ya go fisiwa ga matlo morago, mme ba ba molato ba sekisiwe.

taungdailynews@gmail.com